Dolphins

© Roger de la Harpe

Leina la Mophato

Dolphins

Tse dingwe tsa lelapa la tsone

Bottlenose, Common, Dusky, Humpback, Spinner, Spotted, Striped

Leina la Maranyane

Delphinidae

Semeto

Go tloga go 1,5m go fitlhella go 6m

Ponalo

Mmele o phatsimang oo tlhamaletseng. Bontsi bo na le motlana wa mokwatla oo halofo ya kgolokwe. Phogwane ya yone tlhagelela kwa pele ga nko ya yone. Tse dingwe di na le phethene ya mebalabala e e bonalang. Gantsi di bonala ka mmala o bosetlhana, bosweu, le bontsho. E na le phatlha fa godimo ga tlhogo e e futswelang mowa.

Dikitsiso

Lelapa la Delphinidae le na le mephato e ele 17 le dibopiwa dile 32 tse di farologaneng. Ke dimamale. Bokete ba tsone bo ka nna 50-900kg. Di dirisa Echo-location (modumo) go tsoma setlhabelo sa yone. Ke nngwe ya dibopiwa tsa lewatle tse di bontshang botlhale jo kwa godimo. E matlhagatlhaga mme e lobelo thata fa e thuma. Megatla ya tsone e bidiwa di’flukes mme di ga di le mo metsing di nama ka bophara (horizontal). Di kgona go tsala le tse dingwe tsa dibopiwa tsa mophato wa tsone. Di phela mmogo ka ditlhopha mo metsing a a seng boteng thata. Fa di tsoma di na le go thusana mme di dirisane mmogo go gapa setlhabelo, jaaka di’sardinsi. Ka tsalo di ‘viviparous’ se se raya gore mae a tsone a tsholwa mo mmele go fitlhela di tsala bana. Bana ba teng ba tsalwa ba godile mme ba felletse.

Dijo

Gantsi e fepa ka ditlhapi le squid.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa tsa mophato wa yone

Humpback dolphin
Sousa chinensis
Common dolphin
Delphinus delphis
Bottlenose dolphin
Tursiops truncatus