Ditumelo tsa Setso tsa Bantwane

Ditumelo tsa Bosupi

©Dr Peter Magubane

Go Bantwane, pula ga se fela motswedi o o tshwaregang wa ntšhwafatso. Ke gape sesupo sa kungô ya semowa le letshwao la gore tlhagô le setšhaba di mo kutlwanông. Gore go kgonwe go netefatsa tswelelopele e e borethe ya tlhomagano ya selegodimo, mediro ya nesô-pula e tshwarwa ngwaga le ngwaga. Pele ga tiragalo eno pula e ikuelwa ka sesupo sa nonyane ya tladi.

Ka kanamô go dumelwa fa ele fish eagle ya Kapa, nonyane eno e itshupile ka mafofa a yona a a bohibidu, bosweu le bontsho. Go dumelwa fa nonyane ya tladi e tshwaregile ka mo gare ga selo se gotweng ke legadima, lenaka la poo le le kgabisitsweng gore le tshwane le nonyane ka ditshekeletsa tse khibidu, tshweu le ntsho. Legadima le diriswa thata ke dingaka tsa banna le tsa basadi go kopa pula e e tlileng go netefatsa ntšhwafatso e e ungwileng ya lefatshe le setšhaba.

Bantwane ba na le maitshwaro a a thulanang malebana le ditshupo tsa kungô. Sekai, mmala o mohibidu o kaiwa fa ele letshwao la monono le la kotsi. Tladi e kaiwa jaaka letshwao la pula, fela Bantwane ba dumela fa e ka thaiswa ke baloi mme ba e romele gore e menole taolô ya tlhagô ya monono wa botshelo. Ka go tshwana, basadi, ba ba rweleng maikarabelo a nontsho ka kakaretso ya lefatshe le popelô, ba kaiwa gape fa e ka nna matshosetsi mo katlegong ya morafe.

Thulano-maikutlo eno e gatelelwa ke botsalano magareng ga basadi le dikgomo. Bobedi jono bo supiwa le go ema ka kganetso magareng ga jona. Ka bobedi ke ditshupo tsa kungô mme ka bobedi ke maemedi a matshosetsi a maatla a tsalo go o mongwe. Sekai, basadi ba ba mo kgweding ya sesadi ba iletswa go tsena mo lesakeng, seêmô se se tshwanang le seno se diragalela dikgomo.

Basadi ba kaiwa fa ba ‘babaletshegile’ fela morago ga go fetsa paka ya go nna mo kgweding, fa ba rola metlamo ya ditalana yotlhe, ntle fela le motlamo o o kwa tlase o o pinki. Fa pinki e tsewa fa emetse kopanyo ya khibidu le tshweu, mmala ono o supa bomagareng jwa bong, mme ka papiso, bomagareng jwa bomowa.

Seno se tshitshinya gore Bantwane ba tlhama botsalano jo bo matswakabele, mme gantsi bo thulana, magareng ga mebala e e rileng, dilwana le dilo tse di botlhokwa mo bofaloding jwa bona mo maphateng a bomowa le bonama. Mebala e golaganngwa le maêmô a kgotelo le rurufalo, bophepa le bokotsi, a a dirang go neela Bantwane puo ya tshupo e e thusang mo go tlhaloganyeng lefatshe le gantsi le bonwang fa le le thata go tlhaloganyega, le se botsalano mme le le mo seêmông sa leruri sa boeledi.

Translated by Nchema Rapoo