Ditlhokegô tsa Metsi tsa Dikolobe

Metsi gantsi ke ntlha e e ikgatoloswang fa go tliwa mo ntshô-tlhagisong ya dikolobe, fela sentle sentle ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa ka ntlha ya karolo ya ona mo go direng ga mmele. Go bona itekanelo e e gaisang, metsi a go nwa a a phepa a rurufetse a tshwanetse go nna teng go dikolobe tsotlhe ka metlha, gore di nwe metsi ka bontsi jo di bo batlang, ka nako e di batlang.
Boleng jwa metsi, maêmô a bosa le legato la tlhagiso tsotlhe di tshwanetse go akanyetswa fa go akanyetswa ditlhokegô tsa metsi tsa dikolobe.

Boleng jwa Metsi

©Glenneis Kriel
Boleng jwa metsi ka keletso bo tshwanetse go dirwa diteko ngwaga le ngwaga, gore dikgato tse di matshwanedi di tsewe fa go tlhokega. Motswedi wa metsi gantsi o sweetsa boleng le matshwanedi a metsi go dikolobe, e ka nna sediba, metsi a mmasepala kgotsa a petse. Tse di latelang di tshwanetse go sekasekwa:
Palo ya bacteria: Phekolo ka chlorine e a rotloetswa fa palo ya bacteria ele kwa godimo. Gopola gore mesele ya metsi le dinosa-metsi tse di leswe di ka etegetsa mathata a bacteria, ka jalo go botlhokwa go phepafatsa dinosa-metsi le mesele ya metsi gangwe le gape.
Boesiti: Seelo sa pH sa metsi se tshwanetse go nna magareng ga 5 le 8. Sengwe le sengwe se se kwa godimo kgotsa kwa tlase ga seno, se ka ama tsêô ya metsi mme sa nna kotsi. Metsi a a esiti thata (kwa tlase ga 5), a ka baka gape go rusa mme a senye dipeipi le mesele ya metsi, fa metsi a a letswai thata a ka tlogela masaledi a a makwapa a a ka kgoreletsang mesele ya metsi le dinosa-metsi, mme ka jalo go tlhokege gore mesele e phepafatswe gantsi.
Go Tia: Calcium le magnesium ke diminerale tse di nang le seabe se se golo tse di ka dirang metsi gore a “tie”. Seletefatsa-metsi se ka diriswa go letefatsa metsi.
Bokwagodimo jwa nitrates, sulphates le diminerale tse dingwe: Phepô ya kolobe e tshwanetse go ka fetofetolwa go amogela dielo tse di kwa godimo tsa dikhemikhale le diminerale tse dirileng. Metsi le ona a ka tlhoka go ka sefwa kgotsa go phekolwa pele a ka neelwa dikolobe, mme ka fa tlase ga maêmô mangwe seno se ka dira gore tlhagiso e se nne le dipoelo.

Bontsi jo bo Tlhokegang

©Glenneis Kriel
Bontsi jwa metsi a a tlhokegang tsatsi le tsatsi bo ikaega ka mabaka ale mantsi, a a akaretsang maêmô a bosa, difepi, boitekanelo le legato la ntshô-tlhagiso la kolobe ga mmogo le mofuta wa dinosa-metsi tse di diriswang.
Mo maêmông a a tseneletseng a ntshô-tlhagiso, kolobe e ka tlhoka ka bonnye litre di le tlhano goya go lesome tsa metsi tsatsi le tsatsi, fa ditlhokegô tsa tsatsi le tsatsi tsa metsi a dikolojane tse di sa tswang go kgweswa di ka farologana gotswa kwa tlase ga 2 litres go kolojane nngwe le nngwe ka letsatsi go fitlha kwa go feteng 6 litres go kolobe ka letsatsi mo lobakeng lwa dikolobe tse di feditseng go gola tse di dirisang dinosa-metsi tsa thoba.
Dinamagadi tse di amusang di tlhoka go nwa metsi a mantsi go feta fao gore di tlhagise bontsi jo bo lekaneng jwa mašwi, ka ditlhokegô tsa metsi tse di farologanang magareng ga 15 goya go 32 litres ka letsatsi mo thulaganyong ya dinosa-metsi tsa thoba, fa ditlhokegô tsa metsi tsa dikolobe tse di dusang di farologana gotswa go 12 goya go 15 litres ka letsatsi.

Dikakanyetsô tse Dingwe

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Metsi a tshwanetse go rurufala, go seng jalo dikolobe di ka se a nwe. Ka jalo tshola metsi mo lefelong le le moriti. Ditshodi tsa metsi di tshwanetse gape go ka bofelelwa mo paleng kgotsa mo koteng fa fatshe go di thibela go ka pitikololwa, mme di tshwanetse go ka phepafatswa ka metlha. Maitlhomo magolo ke gore boleng jwa metsi bo tshwanetse go siamela gore a nowe le ke batho, le gore dinosa-metsi di tshwanetse go nna phepa mo ebileng molemirui a ka se etsaetsegeng go nwa gotswa mo go tsona.

Metlhapo ya Seretse

©Glenneis Kriel
Balemirui ba le mmalwa ba santse ba tlamela dikolobe tsa bona ka mesima ya seretse, fela go fitlheletswe fa seno se thusa mo taolông ya themphoritšhara. Gatwe seno se ka fokotsa themphoritšhara ya kolobe ka 2 degrees Celcius, mme seno se dira go phala go fufulelwa, go go leng thata go dikolobe ka fa di sena dirwe tsa mofufutso. Go ipitika mo seretseng go thusa gape mo tlhokomelong ya metlhampepe, e e jaaka dikgofa le dinta, fela ga go a tshwanela go diriswa mo boemong jwa kalafo fa mathata a runya. Mo godimo ga fao, go ipitika mo seretseng ke mokgwa wa diphologolo wa tlhagô, o batho bangwe ba o bonang jaaka sengwe se se nang le seabe mo tlhokomelesegong ya diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo