Dipheta le Botaki ba Matebele a Ndzundza

Go Itsege Thata ka Botaki

©Dr Peter Magubane

Matebele a Ndzundza Ndebele ba itsege go gaisa ka botaki ba bona, go tshwana le mekgabiso, meakanyetso le mebala di dirisiwang mo kgabisong ya ditshwantsho tsa lebota (di dirwa ke basadi) le dipheta. Dipaterone di akaretsa mefuta e e farologaneng la matshwao: tiriso e e tseneletseng ya dipopego tsa jometeri, le dilo tsa tlhago, jaaka dithunya, dinoga, dinonyane le diphologolo tse di nnye. Mo dinakong tsa segompieno, makwalo a dikago, mafetlho le difofane di a dirisiwa. Matebele a pele a ne a ikantse dimmalafatsi (mosidi, molora le mmopa) tsa mebala mo dikgabisong tsa bona. Ka go goroga ga basweu, le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go fitlhelela mefuta e mentsi ya dipente tsa mebala, e e dirisiwang thata gompieno.

Go ya ka setso, basadi ba ne ba neela nako ya bona mo botaking ba ditshwantsho tsa mabota ka nako ya letlhabula morago le dikgwedi tsa mariga, fa go jalwa, go tlhagola le go roba ga mabele le dijalo tsa mmidi di konoseditswe, mme ba ne ba na le nako e e bonalang ya boitapoloso. Gape eno ke nako ya ngwaga ya fa ba ne ba dira bontsi jwa dipheta tsa bona, ka go nna mmogo mo malapeng a magae a bona, ba itumelela botsalano jwa basadi ba bangwe mo bonnong le bothito bo bo bonolo ba letsatsi la mariga. Dipheta, le fa go ntse jalo, e ne e se fela tiragalo ya mariga, jaaka e ne e dirwa ka ditiragalo tsa dinako tse boitapoloso tsa selemo le ka dikgakologo.

Mokoloko ya Mekgabo e e Neng e Aparwa

©Dr Peter Magubane

Ke ntlha ya go kganetsano ya gore a go rwalwa ka bowena go go tseneletseng ke basadi ba Matebele mo tlhaga thata go temogo ya bona ya e e akanyang sentle ya bontle kgotsa dikeletso tsa banna ba Matebele go nna le maemo a bona jaaka banna ba humileng a tlhagisiwe ke ke mokgabiso wa basadi ba bona. Motseletsele wa mekgabo e e aparwang, tse di nnang bontle go tswelela morago ga go nyalana le ka dingwaga, gongwe go feta tsa ditlhopha tse dingwe.

Iirholwana, lethale la sediko le le tsentsweng dipheta tsa bogolo bo bo farologaneng di apara ke basadi mo mabogo a bona, mo diatleng, mo magwejaneng, mo maotong, mo molaleng le mo mpeng, gongwe di ratega thata. Kwa metlheng ya pele, fa fela legae la gagwe le setse le agilwe, mosadi wa Motebele o tla apara sediko sa kopore kgotsa didiko tsa kgotlho (iindzila) go dikologa molala. Tse go dumelwa gore di na le dithata tsa moetlo, le mororo go di apara ka leruri ga e sa tlhole e le tiragalo ya tlwaelo. Go le gantsi, mosadi yo o mogolwane o a aparang didiko tse o ne a tla tlosiwa tsona fa a etela kwa bookelong, mme morago ga moo di se kitla tse busediwa.

Go ya ka setso monna o neela mosadi wa gagwe iindzila ya gagwe; fa didiko di le dintsi tse a di aparang, e tota e ne e le khumo ya monna wa gagwe e kgolo e e newang tlotla. lindzila di tsewa ke mosadi wa gagwe go nna sesupo sa kgolagano le go nna boikanyego go monna wa gagwe. Fela ka loso lwa gagwe o ne a tla di tlosa.

Gareng ga bobedi Manala le Ndzundza, basetsana ba apara mekgabo go tswa ba le bannye. Tseno di tsenyeletsa maseka a legwejane, maseka a diatla le dibaga. Ka dingwaga tse, ba aparang dikhupetsa noka (iinrhabi), ditshega tse di nnye tsa letlalo tse di mametleletsweng mo megaleng ya dinoka le mme di tsentswe dipheta, tse di khupetsang karolo e e kwa godimo ya dirope. Mo dingwageng tsa bolesome, mo boemong jwa iinrhabi, isiphephetu se a aparwa, khiba e sephaphathi e nnye, e khutlonne le khiba ya kwa pele e e tsentsweng dipheta tse di gagametseng. Morago ga go nyalwa, se se tla fetolwa ka umaphotho, khiba e kgolo, ya letlalo la podi, e gantsi e fitlhelelang magwejane e bile e kgabisitswe ka go raragana ka dipheta tse di tshweu.

Ka letsatsi la gagwe la lenyalo, o rwala sekhurumetsi sa monyadiwa ya dipheta tse di rokeletsweng go fitlha sefatlhego sa gagwe. Ka setso mebala ya dipheta e ne e neetswe botlhokwa bo bo kgethegileng, di bontsha dikgato tsa tlhabologo mo botshelong jwa motho, go tloga kwa boseeng go ya kwa botsading. Kopanyo ya mebala e ne e tlhagisa maikutlo a modiri: ka boitumelo, ka tsholofelo ya boitumelo, kutlobotlhoko, kgotsa go tlhoka boitshepo. Ka toropofatso le segompieno, se se nyeletse thata. Banna ba Matebele ga se gantsi ba ikgabisa, kwa ntle ga meetlo le meletlo, fa ba ne ba apara se se neng ba se neilwe ke basadi ba bona.

Translated by Lawrence Ndou