Dipalopalo tsa Boruanotshe mo Aforika Borwa

©Dr Tlou Masehela
Porofaele ya baruanotshe mo Aforika Borwa (SA) ga e a farologana thata go tswa lefatsheng ka bophara. Ka fa tlase ga 5% ya baruanotshe mo SA ke bang ba lefatshe leo mo ba ruileng gona ka fa tlase ga 5% ya dinotshe tsa bona. Baruanotshe ka jalo ba ikaegile mo beng ba bangwe ba lefatshe, la poraefete, la puso kgotsa dirapa tsa diphologolo, go tshegetsa ditiro tsa boruanotshe.
Dipalopalo ka baruanotshe mo Aforika Borwa di lekanyeditswe, mme ka 2017 Aforika Borwa e ntshakuno fela e e ka nnang ditone tse di 1 500 tsa tswien ya dinotshe ka ngwaga, go bapiswa le ditone tse di 3 000 mo dingwageng tse di 25 tse di fetileng. Go netefaditswe gore go feta 3 000 ya ditone tsa tswine ya dinotshe di rometsweteng ka ngwaga le ngwaga, go tswa kwa China. Thomelontle ya Aforika Borwa kwa dinageng tse dingwe e ka nna mo go ka lekanang lefela.
Fa go bapisiwa le dinaga tse dingwe tsa Hemisefere ya Borwa, Aforika Borwa e bonala e kwa tlase ga go sa siama ka ntshokuno ya tswine ya dinotshe. Go fopholediwa gore go fitlhela 200 000 ya digopa di laolwa mo Aforika Borwa ka go bapiswa le go ka nna 650 000 kwa Australia le 450 000 kwa New Zealand (NZ). Chile le Argentina di supa bokana dipalo tse di tshwanang jaaka Australia le NZ. Tsotlhe di le nne tsa dinaga tse ga se barekisantle ba tswine ya dinotshe, le Argentina e ntshangkuno ya go feta ditone tse 70 000 ka ngwaga.

Matlhotlhapelo a Mararo a Dinotshe mo Aforika Borwa

Intaseteri ya baruanotshe mo Aforika Borwa ga jaana (2017) e itemogela kgolo e e sa siamang ka ntlha ya matlhotlhapelo a mararo a ga jaana. Mo tshimologong ya bo 1990’, Notshe ya kwa Kapa (Apis mellifera capensis) e tseneletse kwa diporofenseng tsa bokone tsa Aforika Borwa, moo notshe ya kwa Aforika (Apis mellifera scuttelata) ka tlwaelo e ne e fitlhelwa. E setse e supile khuetso e e sa siamang mo boruanotsheng kwa bokone.
Sa bobedi, ka 1997 senwamadi se tshelang mo letlalong. Varroa destructor, se hudugetse kwa Kapa Bophirima mme di tswelela go ralala naga.
Matswakabele a boraro a tseneletse fa American foulbrood e e tshabiwang, ke bolwetse jo bo bolayang jwa elamo ya dinotshe le yona e supilwe kwa Kapa ka 2009. Diphatlha tsa senwamadi di ka kgona go anama bonolo ka mekgwa ya boruanotshe e e jaaka thefosano ya didiriswa le motsamao wa dikamo tse di tshwaetsegileng. Go solofetswe go anama go ya kwa bokone mo dingwagng di le 5 tse di latelang (2022).

Translated by Lawrence Ndou