Dinawa tse Tala

© Louise Brodie

Leina la Bonetetshi: Phaseolus vulgaris L
Leina la Tlwaelô: Green beans

Tlhalosô ya Sejalo

E ka nna setlhatshana kgotsa senami, mme fa go le jalo se tshwanetse go jalwa ka thulaganyo ya trellis go tshola dinawa di se mo mmung.

Ditiriso

Di ka jewa di apeilwe kgotsa dinawa tse diša di ka diriswa di le tala mo disalateng. Gape di dirwa dijophetolwa le go tsenngwa mo metêmeng.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Fa o simolola go baakanya mmu, tabola pele sampole ya mmu wa kemedi gore o sekasekwe ke laborotori e e seriti. Buisana le motlhankedi wa selegae go bona maele ka ga seno.
Dinawa tse tala di diragatsa sentle mo mebung ya motlhaba le ya serokwa e e ntshitsweng metsi sentle. Di ka jalwa mo mebung e e bokete ya mmopa, fela seno ga se eletsege. Dinawa tse tala di ka mela mo mebung ya pH e e ka nnang le seêlô sa esiti sa 5.6, fela dintshô-tlhagiso tse di manontlhotlho di bonwa mo mebung e e nang le pH ya 6.0 goya go 6.5. Dinawa tse tala ga di gole sentle mo mebung ya alkaline le eseng.

Bosa

Maêmô a bosa a a eletsegang a simolola go 18 goya go 26 degrees centigrade ka dithemphoritšhara tse di amang boleng jwa sejalo tsa bobotlana jwa 5°C le tsa bogolo jwa 35°C. Dinawa tse tala ke dijalo tsa setlha se se bothitho mme di tshaba serame le go sa kgonane le segagane. Ditlhokegô tsa boêmô jwa bosa tsa dijadi di farologana go see nene mme eseng thata jalo.

Mefuta ya Ditlhatshana

Wintergreen, Contender, Class Act, World Cup, Provider, Imali, Malelaan, Star 2000, Derby, Star 2052, Espada, Champ.

Mefuta ya Monamo

Witsa, Lazy Housewife.

Translated by Nchema Rapoo