Dilekanyô tsa Mogote le Dilekanyô tsa Botsididi tsa Sejalo

©Louise Brodie

Sejalo se tlhoka dipaka tsa mogote le tsa botsididi mo ditsamaisong tse di rileng mo tiko-kgolông ya sona. Dipaka tseno tsa mogote le tsa maruru di tlhaloswa ka dilekanyô tsa mogote le dilekanyô tsa botsididi.

Dilekanyô tsa Mogote tsa Sejalo

Dilekanyô tsa mogote tsa sejalo kana crop heat units (CHU) di tlhalosa thotloetso ya themphoritšhara mo kgolông le tswelopeleng ya sejalo. Kgolô ya sejalo e ikaega ka palogotlhe ya mogote o se o itemogelang mo botshelong jwa sona, o o kgobakanngwang jaaka digrata tsa malatsi. Dithemphoritšhara tse di kwa tlase di diegisa kgolô fa dithemphoritšhara tse di bothitho di itlhaganedisa kgolô.

Mo Afrika Borwa, re dirisa 10°C, e e maleba go mmidi, eleng sejalo sa sejô-tlwaêlô sa rona, jaaka themphoritšhara ya motheo. Themphoritšhara ya motheo ke themphoritšhara e ka fa tlase ga yona sejalo se senyegang, se palelwang ke go gola kgotsa se retelelwang ke go tlhagisa ntshô. Themphoritšhara ya motheo e a farologana magareng ga dijalo. Sekai, themphoritšhara ya motheo ke 4°C go dinawa, eleng sejalo sa bosa jo bo rurufetseng, 10°C go mmidi, sejalo sa thoro sa selemo, 13°C go monamune le ngoba, le 18ºC go dipalema tsa dates.

Dintlha tse dingwe tse di rotloetsang kgolô ya sejalo; photoperiod (boleele jwa lesedi la letsatsi), kumisô ya mmu le metsi mo mmu. Go butswa go ka diega (bometsi jo bo kwa godimo) kgotsa go ka itlhaganela ka ntlha ya bometsi jo bo kwa tlase mo mmung.

Disenyi tsa Dijalo le Themphoritšhara

©Olaf Leillinger

Disenyi tsa dijalo di rotloetswa gape ke mogote mme gape di na le dithemphoritšhara tsa serepodi tse di kwa tlase. Ka jalo mogopolo wa selekanyô sa mogote/grata ya letsatsi o ka diriswa go akanyetsa go tlhagelela ga ditshenekegi le go rulaganya lenaane la go gasa dibolaya-tshenyi.

Sekai, themphoritšhara ya motheo ya codling moth, eleng sesinyi sa monamune, perekisi, apole jalo le jalo, ke 11ºC. Themphoritšhara ya motheo ya cotton bollworm ke 14ºC, eleng sesenyi sa dijalo tse di jaaka dinawa, beans, korong, letseta, mmidi, monamune, cucurbits, tapole, tamati le lucerne. Fa mo lobakeng lwa oriental fruit moth, sesinyi se se golo mo diperekising, ele fela 7ºC.

Dilekanyô tsa Botsididi ke Eng?

©Louise Brodie

Dilekanyô tsa botsididi gantsi di bitswa ‘positive chill units’ (PCUs). PCUs di mo letlhakoreng le le lebaganeng le la dilekanyô tsa mogote. Palelelo e e matswakabele e diriswa go bona palogotlhe ya diura tse di ka fa tlase ga themphoritšhara e e neilweng, sekai 4°C. Kwa USA, dithemphoritšhara 4.4°C le 7.2°C di diriswa jaaka dithemphoritšhara tsa motheo go bona diura tsa botsididi.

Dijalo di tlhoka dithemphoritšhara tse di rurufetseng ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Maungo a a tlhotlhoregang a tsena mo pakeng ya boikhutso go ela kwa bofelong jwa selemo. Kgolô e ema tsii go fitlha sejalo se itemogela botsididi jo bo rileng ka mariga. Sekai, diperekisi di tlhoka dithemphoritšhara tse di ka nnang magareng ga 2.5°C le 9°C gore ikhutso e wetswe.

Fa ditlhokegô tsa bobotlana jwa botsididi di sa fitlhelelwa, seo se isa kwa mathateng ka dikgakologo, a a jaaka thunyô ya makukunya e e diegileng (diperekisi – kotulo e e thari jalo le jalo) kgotsa tlhokegô ya thunyô ya makukunya a sethunya (diapole – maungo a mannye ale mmalwa jalo le jalo). Tseno di baka diphokotsego tse di masisi tsa thôbô.

Go dijalo tse di jaaka diperekisi le diapole, dikhemikhale nako dingwe di a diriswa go tlhotlholetsa thunyô fa PCUs di ne di sa lekana go netefatsa thunyô ya tlhagô.

Mo dikgaolong tsa tlhagiso ya maungo a a tlhotlhoregang, diponelopele tse di ikaegileng ka PCUs di ka dirwa go akanyetsa thunyô ya makukunya, matshosetsi a go gatsela ga dithunya le matlha a kotulo. E ka diriswa gape go diegisa thunyô, gore go thibelwe tshenyô ya segagane, kgotsa go bona fa kgaolo e siametse jalô ya sejalo se se rileng.

Korong e tlhoka tshwarô e e tsididi, e e bitswang vernalization. Vernalization ke fa dithemphoritšhara tse di kwa tlase di tlhokagala go tsosolosa thunyô ya dithunya le tlhagiso ya thoro.

©WRC

Translated by Nchema Rapoo