Dijo tse di Apeilweng ka ka Fufudi

© Jon Sullivan

Go apea dijo ka fufudi ke tiriso ya kgale thata; e nngwe ya mekgwa ya go apea dijo ya tshimologo le go babalela dijo tse di jaaka nama le tlhapi.

Ditiriso tsa segompieno tsa go apaya ka pfufudi dijo di akaretsa go inela nama mo diloting pele fa o e gadika, tiriso ya mefuta e e farologaneng ya dikotana, go abela ditatso tse di ntsi tsa dijo tse di jaaka kase le merogo le tlhabololo ya go apaya ka fufudi mo seeding.

Go Apaya Dijo ka Fufudi ke Eng

Go apaya dijo ka fufudi e e bolelo go dirwa ka motswedi wa bolelo oo dikgong tse phatlegileng kgotsa bupi ba mapolanka di ka oketswa. Go apaya dijo ka fufudi ya seedi le gona go ka dirisiwa.

Go apaya dijo ka ffudi go abela tatso mo dijong mme e na le ditlamorago tse di nnye mo go babaleleng jalo ka fa go tlhola go omisa kwa ntle ga dijo. Go lwesa tlamorago ya go apea dijo ka fufudi, gantsi dijo di inelwa mo dinoking kgotsa go tlogelwa kwa dijonontshing tse di kgatlhisang pele fa thulaganyo ya go apaya ka fufudi e simolola. Tlamorago ya go babalela ya go apaya ka fufudi e nnye e ka kgona go nonontshiwa ke go apaya kgotsa go tshela letswai mo ntshokunong.

Go apaya dijo mo fufuding go dirwa mo pesong eo themperetšha e okeleditsweng go letlelela go nna le ntshokuno ya go apaya ka botlalo. Go kgotlhetsa dikgong tse di phatlegileng kgotsa bupi ba mapolanka, di tlaleleditswe mo motsweding wa mogote, go tlhola mosi o o abelang tatso ya dijo. Go apaya dijo ka fufudi e e mogote ke mokgwa wa go fetolwa o o letlelelang go apaya mo fufuding gammogo le go apaya nama.

Melao e mmalwa e tshwanetse go elwa tlhoko go letlelela polokego ya dijo:
Ke fela dijo tse di gakologang tse di tshwanetseng go apewa ka fufudi. O seke wa apaya dinama ka fufudi tseo di sa boswakgapetla gose nene jalo ka fa se se ka tlhola dithemperetšha tsa mo gare tse di sa fitlheleleng kwa godimo mo go lekaneng go ka senya dimaekropo tse di kotsi.
Ka gale tsenya ka dijonontshi tsa letswai kgotsa o inele dijo mo setsidifatsing.
Dirisa dibala thempheretšha go lekanya thempheretšha ya go apaya ka fufudi gammogo le themphereitšha ya mo gare ga nama.
Nama ya kgomo le ya kolobe di tshwanetse go fitlhela themperetšha ya mo gare ya bonnye ba 62℃, ditlhapi tse di apeilweng mo fufuding di tshwanetse go fitlhela bonnye ba 66℃ mme diruiwa tsa mafofa di tshwanetse go apewa go ya ka thempheretšha ya bofelo e e kwa gare ya 74℃.
Go apeya ka fufudi fela go na le seabe se se nnye sa go babalelwa mme dijo tsa go apewa ka fufudi di tshwanetse go tsamaisiwa le go bolokwa jaaka ntshokuno nngwe le nngwe e e apeilweng.
Fodisa ka bonako morago ga go apaya ka fufudi - dikarolwana tse kgolo tsa nama di tshwanetse go segiwa go nna bonnye - mme boloka dijo tse di apeilweng ka fufudi mo setsidifatsing mo bogolong ba malatsi a mararo go ya go a mane.
Ditlhapi tse di apeilweng ka fufudi di a boswakgapetliwa mo magareng ga 2 - 5°C.

Dikota tse di Phatlilweng tsa Go Apaya dijo ka Fufudi

Mofuta wa dikota tse di phatlilweng o dirisiwa go apaya dijo ka fufudi o tla ikaelela maatla le tatso ya pego ya mosi. Kota ya go tswa mo ditlhareng ya maungo - pere, apole, perekisi kgotsa kota ya tšheri e tla abela tatso ya bosukiri mme e tumile go dirisiwa mo diruiweng tsa mafofa le tlhapi.

Dinama tse di jaaka nama ya kolobe le ya ka nageng di tlhagisa ditatso tse di monate fa di apeilwe ka fufudi le hikori, mapole, phiken le dikgong tse phatlegileng tsa ouku. Ka dinako tse dingwe dijalo tse  di jaaka rosemary kgotsa le fa e ka nna rooibos di a oketswa go abela tatso ya ditlama tsa fufudi.

Reka dikota tse di phatlegileng go tswa mo barekising ba ba tlotlegang. O seke wa dirisa kota e e alafilweng le e e pentilweng kgotsa kota e e jaaka mophaene, mosiprese kgotsa merokwana. Kota e e nang le botlhole e akaretsa tamboti le oleanda. Kota e e tswang mo dirapeng tsa maungo di ka nna le masalela a dikhemikhale.

Go Apaya Dijo ka Fufudi ka Botsididi

Go apaya dijo ka fufudi ka botsididi go akaretsa go apaya dijo ka fufudi ga ntshokuno kwa ntle le go se apaya. Ntshokuno e gantsi e e tsentsweng mo dijonotshong tsa letswai pele ga go apaya dijo ka fufudi jalo ka fa go tsenya kwa dijonontsong tsa letswai tsa botoka di tla nna le seabe go feta thempheretšha e e kwa fatshe ya go apaya dijo ka fufudi.

Go apaya dijo ka fufudi ka botsididi gantsi ke thulaganyo ya bonya le go nna telele (go tloga mo go duira tse di 6 go ya go tse di 24 ka tlhapi) le themperetšha e e fitlhang 30℃.

Go apaya dijo ka fufudi ka botsididi ke e e siametseng kase fela gape go dirisa go apaya dijo ka fufudi mo ditlhaping le go abela tatso ya bomosi mo manokong, konofole, oli ya motlhware, mae, tofu le merogo.

Go Apaya Dijo ka Fufudi ka Seedi

Go apaya dijo ka fufudi ka seedi ke seedi se mmala o khibidu go ya go boserowlane, seedi se se dirilweng ka go tiiyanyana sa go apaya ka fufudi ka kota. Dijo di ka inelwa mo dijonontshong mme di tlogelwe go inela mo dijong e e nang le seedi sa go apaya ka fufudi.

Go apaya ka fufudi ka seedi le gona go ka okeletswa mo dikinelong tsa kase, mo dioling le mo disosong. Baapei ba kgatlhisang gape ba e dirisa mo metswakong ya bojalwa le mo diphuting moo ditatso tsa bomosi di tlhakanang sentle le kharamele le tšhokolete e e bofitshwana.

Mesola e mebedi ya go apaya ka fufudi ka seedi ke gore tatso ya mosi e ka laolwa ka tlhamalalo le tatso e ka nna ya bonako.

Dintshokuno tsa Dijo tse di Apeilweng ka Fufudi

Dinama tse di tumileng tse di apewang ka fufudi di akaretsa dikgopo briskete ya kgomo, sepeke, pastrami, Kassler, gammon le hama jaaka Eisbein le hama ya Black Forest.

Dikao tsa disosetše tse di apeilweng ka fufudi ke bockwurst, chorizo, cabanossi, salami le sosetše sa Vienna fa tlhapi e apeilweng ka fufudi e e jaaka trout e apeilweng ka fufudi, salmon, cod, herring, eel, haddock, tlhapi ya katse le di-sardine di itsegeng thata.

Dijo tse dingwe tse di apeilweng ka fufudi ke dijo tse di jaaka kase, manoko, dioli tsa tatso e e apeilweng ka fufudi le merogo e e besitsweng jaaka mmidi mo godimo ga setlholha le ditapole le tsona di fitlhela botumo.

Translated by Lawrence Ndou