Clairette Blanche

Tlhaloso

Veine ya bogologolo e tshweu ya go boela kwa di1500, e ne ya jalwa kwa borwa jwa Fora le go dirisiwa jaaka tsweletso ya veine e e lakaselang, mme gape jaaka terebe ya tafole ya mefuta e e farologaneng.

Tshimologo

Fora

Maina a Mangwe

Clairette Blanche Leina la yone le raya ‘ bosweu jo bo bonalang’ sentle. Go na le makaelagongwe a a fetang 69 a Clairette Blanche. E itsege gape jaaka Blanquette, Oketsego, Piquepoul kgotsa Clarette. Bourboulenc ke mofuta o o farologaneng le mororo e dirisia maina Clairette le Clairette Blanch jaaka makaelagongwe.

Tsweletso mo Aforika Borwa

E ne ya tlhomiwa mo Aforika Borwa ka 1906, kwa tshimologong e ne ya jalwa tota kwa kgaolong ya Groot Drakenstein. Fela mo 35ha ya Clairette Blanche e ne ya kumulwa mo Aforika Borwa (2016) le ka 195ha e setse, gantsi mo maemong a loapi a bollo a Worcester (88ha), Paarl (34ha) le Robertson (33ha).

Kgolo

Clairette Blanche ke mogodi wa go ya godimo sentle le wa matla le dithunya tsa go robega bonolo a a leng masisi mo phefong. E ka nna ya jalwa jaaka sekgwa sa terebe kgotsa jaaka mmedi wa go sekegetswa e e tlwaeditsweng boteng mo mmung o o eledisang metsi botoka o o nonneng kwa dikgaolong tse di tsididi.
Clairette Blanche e masisi go komelelo (e latlhegelwa ke matlhare) e bile e na le topo ya go nosetswa. Bokana ba kuno ke 16 - 18 t/ha, e kotulwa ka 19 - 21° ya go gamololwa. Boemo ba go gamololwa bo supa maemo a maemo a sukiri ya diterebe le fa e siametse thobo.

Go Butswa

Clairette Blanche e butswa go le thari - go fitlha kwa bokhutlong jwa Mopitlwe le dibeke tse tharo morago ga Chenin Blanc.

Borekhu

Borekhu jo bo golo jwa bolee le letlalo le le sesane fela le le thata.

Disenyi le Malwetse

Clairette Blanche ke e e masisi go ya monyo o o boleta wa botlase le bogole jwa dibaketeria fela e ka fenya bolwetse jwa nngadule le oidium. Ka ntlha ya ditlhopa tse di rephileng tsa yona e kgona go fenya go bola go go botlha le go bola go go siameng. Dithunya tse di robegang bonolo di ka nna di a gobala bonolo ka phefo.

Tiriso

Diterebe di tlhakangwa le okisejane ka bonako (diveine di na le bokgoni bo bokhutshwane ba go gola) le go tsweletsa diveine tse di botlha jo bo kwa tlase le nnotagi e e kwa godimo. Mo nakong e e fitileng e ne e dirisiwa veine e e lakaselang Clairette Blanche e dirisiwa go tswakanya.
Fa e kotutswe ka bonako, e ka titielwa gareng ga saki go e fa go ikutlwa molomong go go nonofileng. Clairette Blanche gape e ka kgona go dirisiwa jaaka terebe ya tafole.

Tatso/Moutlwalo

Ga se gantsi e dirisiwa jaaka veine e e nngwe ya mefuta e e farologaneng, Clairette Blanche e tsweletsa diveine tsa mmala wa metsi le bosetlha tse di dirisiwang mo metswakong go tlameleng ka metswako e e boungwa jaaka kalaka, peinapole, poreime kgotsa le bojang jwa ratsuru.
E tlhalosiwa jaaka Clairette Blanche e e tlhokang maatla gape e supa dithunya tsa dimela (phetale ya rosara, gongwe), leungo le le nnye la monamune le leungo la letlapa. Ka fa tlase ga maemo a a itumedisang, e ka tsweletsa diveine tse ntle tota le go nna masisi jaaka ester e e nang la popego e e farologaneng ga nnye ka, go le gantsi e kaiwa e le ‘phetale ya rosara’.

Translated by Lawrence Ndou