Chenin Blanc
Thanololô
Chenin blanc ke mofuta wa mofeine o mosweu o o dirisetswang go tlhagisa mefeine ya mo tafoleng, mefeine e e galakang le mefeine e e nonotshang jaaka port, sherry le brandy. Ke ona mofuta wa terebe ya mofeine e e jalwang ka go anama thata mo Afrika Borwa. Tshekotsheko ya DNA e supile fa Savignin e le nngwe ya batsadi ba ona. Tshenolo ya motsadi o mongwe ga e a totobala.
Tlhôlegô
Tlholego ya Chenin blanc e kwa karolong ya Anjou-Touraine kwa France. Mofuta ono o kile wa itsagale ka leina la Chenere, fela leina le ne la fetolwa la ngwagakete wa bo 15 go nna Chenin blanc, o theilwe ka thaba ya kgaolo e leng Mont Chenin.
Maina A Mangwe
Franc-blanc, Franche, Pineau, Pineau de la Loir le Pinot Blanco. Mo Afrika Borwa e santse e bidiwa Steen ka dinako dingwe.
Ntshô-Tlhagiso Mo Afrika Borwa
Chenin blanc e dumelwa fa e le nngwe ya mesego ya merara ya ntlha go tla kwa Kapa ka dinako tsa ga Jan van Riebeeck. Ke kgale e bidiwa Steen mme gone go dumelwa gore ke seka-mofuta sa Chenin blanc se se tshwanang se le nosi mo Afrika Borwa, go fitlha fa mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1960 fa moprofesara CJ Orter, yo ka nako eo e neng e le tlhogo ya lefapha la Viticulture kwa Stellenbosch University, a ne a fitlhelela ntle le pelaelo gore tota-tota ke Chenin blanc ka sebele.
Mabaka a a farologaneng aa fiwa gore ke goreng maAfrika Borwa a ne a bitsa sejalo seno Steen. Molaodi Simon van der Stel o ne a gopola gore diterebe tsa teng di tlholegile kwa Germany mme a o bapisa le mefeine e e boleng ya German Stein. Tlhaloso e nngwe, ke gore e ne ya bopa motheo, kgotsa ka puo ya Afrikaans “hoeksteen” wa bodirelo jwa mofeine mo Afrika Borwa, ka ntlha ya go fetofetoga bonolo le go tlwaela bonolo seemo a tikologo.
Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso
E jalwa mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo Afrika Borwa, ka dikarolo tsa ntshô-tlhagiso tse di kgolo kwa Breedekloof, Olifants River, Paarl, Swartland le Worcester.
Kgolô
Merara e gola ka go sa tsenelele go fitlha ka go tsenelela, ka ntshô magareng ya 22t/ha go ya go 23h/ha.
Go Butswa
Diterebe di butswa go sale gale mo gare ga setlha, go tloga ka seripagare sa bobedi sa Tlhakole.
Meretlwa
Meretlwa e mennye, motôpô, ka mmala o o serolwana se se talana. Letlapi le boleta ka bosesane. Leungokobolwa le matute thata.
Matlhare
Matlhare a bogolo jo bo mo magareng, kgolokwe ka ditsebe tse tharo mme a na le mmala wa botala jo bo tseneletseng.
Disinyi le Malwetse
Merara e tshabelelwa bonolo ke botrytis, go bôla le ke phori. Go tlhoga ga yona go sale gale go dira gore e tlhaselwe bonolo ke segagane sa dikgakologo.
Tiriso
E kaiwa fa e le modiri o mogolo mo Afrika Borwa, ka fa e dirisetswa go tlhagisa mefeine e mesweuya mo tafoleng e e omeletseng ka tlhagô le e e tswina ka tlhagô, mefeine e e galakang, e e natefang le e e nonofatsang.
E diriswa gape jaaka setswaki le mefuta e mengwe e e farologaneng ya dijalwa. Afrika Borwa e kaiwa fa e le nngwe ya batlhagisi ba ba eteletseng pele ba mefeine ya boleng jo bo kwa godimo ya Chenin blanc mo lefatsheng.
Tatsô
Balemi kwa dikgaolong tse di rurufetseng, jaaka kwa Elgin, ba na le go tlhagisa mefeine ya Chenin blanch e e seng mo gare ga logong e e mmala o motala ka tatsô e e botlhofo ya leungo. Balemi kwa dikgaolong tse di bothitho, jaaka Stellenbosch le Franschoek, ba na le go tlhagisa mefeine ya logong ya mmala wa gauta ka tatsô ya tropical.
Translated by
Nchema Rapoo