Carob: Setlhare sa Dijo se se sa Dirisweng ka Botlalo

© Garroves
Setlhare sa carob (Ceratonia siliqua) se se itsagaleng gape jaaka St John's Bread ke setlhare sa motalafalelaruri o o segwere sa bogolo jo bo nnye goya go bogareng, ka matlhare a moutlwalo wa letlalo a a phatsimang. Se tlhagisa diphotlwa tsa peo tse di phaphathi tsa moutlwalo wa letlalo tsa boleele jwa 13 - 30cm, ka lemi e e tswina ya chocolate mmogo le borekhu, tse di nang le dipeo tse okareng ke dinawa.
Carob ga e a tlholega mo Afrika Borwa, fela e bontsha tsholofetso ele ntsi jaaka sefepi sa diphologolo le batho se se oketsang thebolo ya dijo tsa selegae.
Dipatlisiso go carob di ne tsa dirwa kwa USA ka 1949, ka go tlhopha mefuta e e gaisang le go bopa dika-mefuta tsa yona, mengwe ya yona e ne ya romelwa mo Afrika Borwa. Ke bonnye dika-mefuta di le supa tse di diriswang lefatshe ka bophara, mme di farologana goya ka tatso, bogolo jwa sephotlwa (phaphathi, go kobega, kgotsa go sokoletsega), mmogo le bontsi jwa dipeo le sukiri (gotswa go 48% - 56%).
Dika-mefuta di le tlhano tse di jalwang mo Afrika Borwa (ka bogolo kwa Kapa Bophirima) di dirilwe diteko ke lefapha la Food Science la Stellenbosch University ka 2010. Seelo sa sukiri (se 70% ya sona e neng ele sucrose) se farologane gotswa go 40 - 54%, protein mmogo le palogotlhe ya diesiti tsa amino di le 17 le tsona di ne tsa lemogwa, go akaretsa diesiti tsa amino tse di botlhokwa di le supa. Ditlhagiswa tsa dijo di le mmalwa - senkgwe, dithorophitlholo, sênô se se ikaegileng ka mašwi, bogobe le mousse di ne tsa dirwa ka motsi wa dipatlisiso.
Ka ntlha ya bolaodi jo bo nnye jo bo tlhokegang, setlhare sa carob se siametse dithulaganyo tsa tlhagiso ya tsentshô-potlana. Ditlhare tsa carob ke dijalo tse di rategileng tsa kgabisô tse di dirisetswang tebego-tikologo le tshiro-phefo. Ke sekgoreletsa-molelo se se dirang bontle ka ge matlhare a sona a sa tuke sentle. Logong lo tiile mme lo kitlane, mme lo tllhwatlhwa ka ntlha ya tiriso ya lona mo bobetli-gong. Lo tuka ka bonya mme lo dira dikgong tse di siameng, le go dira magala a a gaisang.
Diphotlwa le matlhare ke sefepi sa diphologolo se se gaisang go dikgomo, dikolobe, dipodi, dinku le ditonki. Carob e na le motseletsele wa ditiriso go phepô ya batho. E ka jewa ele foreshe kgotsa e besitswe. Dithôtsê tsa mo mmung di diriswa go dira locust bean gum (eleng galactomannan), e e diriswang jaaka sekitlanyi le go tsenya tatso ya chocolate mo dijong.
Setlhare sa carob ga e sale se jalwa dingwaga-ngwaga kwa dinageng ka bontsi tse di okameng lewatle la Mediterranean, gantsi mo maêmông a dithemphoritšhara tse di magareng, mme nako dingwe mo dikarolong tse di omeletseng go se nene tsa mebu e e bokoa. Batlhagisi ba ba itshupileng ba carob ba akaretsa Spain, Italy, Morocco, Turkey le Portugal. Portugal, goya ka dipalopalo tsa UN, e tlhagisitse di-ton tse di fetang 40 000 tsa carob ka 2016. Lorole lwa carob lo gantsi lo diriswang mo Afrika Borwa lo bonwa gotswa kwa Spain.
Peo ya carob e ne gape e diriswa jaaka semeta-bokete jwa gauta le matlapana a a tlhwatlhwa ka gonne dipeo di lekalekana ka bokete. Lefoko ‘carat’ le tswa go qīrāṭ, eleng leina la se-Arabic la dipeo.

Go Jala Setlhare sa Carob

©Jad Issa
Setlhare se se golelang ka bonya sa carob se ka jalwa gotswa mo peong. Dipeo di tlhoka go alafiwa ka metsi a a belang, mme seno se salwe morago ke kinelô ya malatsi ale mararo go tokafatsa melô. Dipeo di tshwanetse go ka jalwa mo motswakong wa mo pitsaneng o o motlhaba (ka dikgakologo kgotsa nako ya selemo), nngwe le nngwe mo setshoding sa yona, se se jaaka mabokoswana a mašwi a a diriswang gape. Matlhogela a jalelelwa fa a fitlha kwa boleekeng jwa 8 - 10cm. Tila go senya meditona e e boleta fa o jalelela matlhogela.
Ditlhare tsa carob di trioecious, seno se kaya gore sena le ditlhare tsa tona le tsa tshegadi mme mefuta mengwe e thunya dithunya tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi. Setlhare se le nosi sa tona se ka dulafatsa ditshegadi di ka nna 10 - 20. Tulafatso e tsamaiswa ke phefo le ditshenekegi, fela ntshô e e kwa tlase gantsi e bakwa ke tulafatso e e bokoa.
Di-carob di ka itshokela komelelô, diphefo tsa lewatle le mofuta ofe kgotsa ofe wa mmu ntle fela le mebu e e bokete ya mmopa le e e esiti. Di natefelwa ke mafelo a a omeletseng ale matlapa. Ditlhare tsa carob di tlhoka nosetsô le nontshô tse potlana mme ga di tlhoke go segwa.
Diphotlwa tsa carob di kotulwa pele ga mariga mme di tshwanetse go kgemolwa mo ditlhareng ka thobane, di kokoanngwe ka letlole kgotsa moalô wa khai ka fa tlase ga setlhare, mme di omiswe ka letsatsi. Diphotlwa di tlhagiswa morago ga dingwaga di le 6 - 7 mme diphotlwa tsa bokete jo bo ka fitlhang go 125kg di ka kotulwa gotswa go setlhare se se feditseng go gola (sa dingwaga di ka nna 25). Thôbô ya 2kg e ka solofelwa gotswa mo setlhareng se se dingwaga di le 6. Mefuta e e tokafaditsweng e ka enya maungo (diphotlwa) mo dingwageng di le 3 - 4.
Malwetse mo ditlhareng tsa carob a mmalwa fela, mme disenyi ke fela ditshenekegi tsa scale mmogo le mmôtô wa carob, Myelois ceratoniae.

Translated by Nchema Rapoo