Cape Wolf Snake
Noga ya Cape Wolf

© Tyrone Ping

Leina

Noga ya Cape Wolf, Cape Wolf Snake [Lycophidion capense]

Distatistiki tse di Botlhokwa

Mophato: Reptilia
Tlhagano: Testudines
Lelapa: Colubridae
Mophato wa Dibopiwa: A number of sub-species exist across the range
Botelele (Namagadi): 558 mm
Botelele (Tona): 440 mm

Ponalo

Noga ya Cape Wolf ke noga e nnyenyane mme tsa kwa tikologong e e leng kwa borwa ba mafelo a yone di nna dikgolwane. E na le tlhogo e sephaphathi.
Mmala wa yone ke borokwa jo bo lefitshwana go ya kwa bontshong, makgetlho a mangwe e ka nna le makwapa a thadilweng ka bosweu le mmpa e ka nna tshweu kgotsa bontsho.

Kgasagano

Noga ya Cape Wolf e bonwa gotlhelele mo subcontinenteng, kwa ntle ga sekaka sa Namib le bontsi ba Kapa. Di setse di bonwe kwa mafelong a a gasaganeng jaaka borwa ba kapa, le borwa ba sekaka sa Namib, le kwa gongwe kgabagare jwa botlhaba jwa Afrika go fitlha kwa Egepeta (Egypt).

Tsalo

E namagadi e beela mae a ka nna 3 – 9 kwa tshimologong ya nako ya Selemo (Summer); mae a thuba morago ga malatsi a le 51 fela. Bana bone ba ka meta selekano sa 120 mm ka boleele.

Dijo

Di-skinks le mekgantitswane ke tsone di jewang gantsi, mme di a lomiwa e be di kgemiwa.

Di-Field Notes

Noga ya Cape Wolf ga e na botlhole (non-venomous).