Botlhokwa jwa Dinotshe tsa Tswine

© NP Mothapo

Badulafatsi, ka kakaretso, ba neelana ka mefuta e e farologaneng ya mesola mo bathong. Boitekanelo jwa rona bo ikaegile thata mo ditikologong le ditiro tsa tsona. Go ya bokgakaleng jo bo kana kang, badulafatsi ba kgweetsa le go tsweletsa boitekanelo ba ditikologo tse.

Go dulafatsa ke phetiso ya mmudula go tswa mo dikarolong tsa sethunya tsa tshegadi mme se tla feletsa ka go bopa maungo. Bontsi jwa dijalo tsa maungo, peo le borekhu di ikaegile ka ditshenekegi, segolobogolo dinotshe, go netefatsa gore leungo kgotsa peo di rulaganye.

Dinotshe tsa tswine, di tsewa jaaka tshenekegi e e botlhokwa thata mo lefatsheng ka bophara ba. Ke badulafatsi ba ba kakaretso, se se raya gore ba etela dijalo tse di thunyang tse di farologaneng.

Se sengwe gape se di dirang gore go na le badulafatsi ba ditshenekegi tse dingwe tse di kgethegileng, ke bokgoni jwa tsona jwa go laolwa ke batshola dinotshe. Ba ka nna tsa bewa mo metshitshing mme tsa sutiswa go ya mo maemong a a botoka a go fula.

Mosola wa Dinotshe

Mme ke eng seo dinotshe tsa tswine di nang le seabe mo boitekanelong jwa rona seo se di dirang gore di nne botlhokwa? Mme re ka se ka ra bona dipoelo tseno mo ditshenekeging tsa badulafatsi tse dingwe?

Gape, dintlha tsa patlisiso di tshitsinya tse di latelang: Dinotshe di tsweletsa ditšhaba tsa dimela tsa kwa nageng tse di tshegetsang mefutafuta ya ditshedi le ditiro tsa tikologo ya tlhago. Dinotshe ke setlhopha sa badulafatsi ba ba botlhokwa thata, di etela 90% ya 107 ya mefuta ya dijalo tse di kwa pele.

Mo Aforika Borwa, dijalo tse di fetang 50 di ikaegile ka go dulafatsa ke dinotse. Ka jalo, dinotshe di netefatsa gore go na le peo e e farologaneng le tlamelo ya maungo ka go dulafatsa. Go golagana le se, ke go tokafatsa kumo le boleng ka tulafatso e e siameng.

Dipalopalo di supa gore tiriso ya dinotshe tsa tswine tsa bogwebi ka go dulafatsa go tokafatsa go rulaganya gwa leungo, bokete jwa leungo le boleng. Bošeng jaana, go a bonala gore dijalo tse di ikaegileng ka modulafatsi ke metswedi e e botlhokwa ya dikotlonnye tse di dintsi, gammogo le dibithamini A le C, khalesiamo, foloraete le foliki esite 10.

Dinotshe di dulafatsa bontsi jwa dijalo tse. Dinotshe di na le seabe, ka go sa tlhomame, go tlhola ditiro le tiro, bobedi ka go rua dinotshe le mo maemong a kwa polaseng. Se ke tshwaelo e e boitshegang mo tshireletsegong ya dijo le go fokotsa lehuma.

Thekiso ya tswine ya dinotshe le dikumo tse dingwe tse di amanang le dinotshe (jaaka propolis le boka) go kgontsha go dira lotseno. Dinotshe gape di bontshiwa go rotloetsa le go tshegetsa ka bobedi setso le mekgwa ya setso. Sekao, tswine ya dinotshe e aba mesola ya melemo e e amanang le mme ga e a lekanyetswa go thibela dibaketheria le ditswaki tsa bolwetse ba sukiri.

Mo dinageng tse di jaaka China, Egepeto, Spain, Mexico, dinotshe di amanngwa thata le kakanyo ya boswa, botsweretshi, mmino le maemo a a rileng loago. Mo Aforika Borwa, go amangwa go sa le gale ga dinotshe tsa tswine le batho ke tsa Barwana, ba tshwantsha dira botsalano jwa bone le dinotshe le tswine ya dinotshe ka botaki ba letlapa.

Dintlha tsa Intaseteri ya Dinotshe mo Aforika Borwa

Ka ntlha ya ditirelo tsa go dulafatsa tse di neelwang ke baruanotshe go bajadi, intaseteri ya maungo a matlapa ke e kwadilweng sentle. Intaseteri e e na le lotseno lwa ngwaga le ngwaga la go feta diranta di le dibilione tse sometharo mme e tlhama ditšhono tsa tiro tse di 180 000 (HORTGRO 2016).

Kelotefo ya go dulafatsa ka Setlamo sa Intaseteri ya Dinotshe sa Kapa Bophirima ke R802 ka 2018,go ya godimo go tswa go R745 ka 2017 (WCBA 2018). Ditlhagiswa tsa dinotshe tsa tswine di lekanyeditswe go nna mo kgaolong ya R100 milione (Allsopp, 2000). Intaseteri ya dinotshe e tlhola ditšhono tsa ditiro mo bathong ba ba fetang 3000 (NAMC pego 2008).

Translated by Lawrence Ndou