Botlhokwa ba Phopholego ya Mmu

© Dr Eduard Hoffmann (Department of Soil Science, US)
Phopholego ya mmu e na le tlhotlheletso mo go monono wa mmu, e ka tlhotlheletsa go kgotlhagana le legogo la mmu le go direga - bonolo boo ka bona mmu o ka lemiwang. Godimo ga moo, phopholego ya mmu le diteng tsa mmopa ke dintlha tsa di botlhokwatlhokwa tse di laetsang palo ya moya mo mmung le bokgoni ba ona ba go tshwara metsi – bonolo bo metsi a ka bolokwang mo mebung.

Phopholego ya Mmu

©United States Department of Agriculture
Phopholego ya mmu e supa bogolo ba dikarolwana tsa mmu. Sekao, dikarolwana tsa motlhaba di digolo go feta dikarolwana tsa mmopa. Dikarolwana tsa motlhaba di tsamaya go tswa go 0.05 go ya go 2.0 mm, dikarolwana tsa seretse di mo magareng a 0.002 go ya go 0.05 mm molagare, dikarolwana tsa mmopa di kwa fatshe ga 0.002 mm bogolo. Dikarolwana tsa kgwarapana kgotsa letlapa di feta 2 mm mme di tlhokomelwa fa go netefatswa phopholego ya mmu.
Go ya ka phopholego, mebu e ka tlhophelwa mo maemong a mane: motlhaba, serokwa le mmopa. Boemo ba mmu bo tlhomamisa ke karolo e e farologaneng ya dikarolwana tsa mmu.
Mmu wa motlhaba o na le phopholego e e magelejwa fa mmu wa mmopa a na le phopholego e tshesane mme o na le dikarolwana tse dinnye tsa mmopa. Dikarolwana tsa mmopa di a kgomarela mme di fa mmu popego ya thoto e matla mo mmung, ka jalo mmu o nang le 20 % fela ya mmopa o ka itshola jaaka mmu wa mmopa wa tšhonkamo. ‘Mmu wa serokwa’ o supa mmu o nang le motlhaba, seretse le dikarolwana tsa mmopa. Sekao, motlhaba le mmopa le serokwa di na le 30% ya mmopa, 50% ya motlhaba le 20% ya dikarolwana tsa seretse.

Go Tlhomamisa Phopholego ya Mmu

Fa o le mo tshimong, topa mmu o o tlalang seatla mme o kopanye le metsi a ma nnye go bopa sebopego sa kgwele. Fa e le gore ga o kgone go dira kgwele, mmu ke wa motlhaba. Utlwa phopholego ya mmu ka menwana ya gago go bona fa e le gore ke sebopego sa mabele (motlhaba), bosilika kgotsa boflouru (seretse) kgotsa polastiki (mmopa).
Laporotori e ka dira teko ya phopholego ya mmu fela molemirui a ka dirisa mokgwa wa ‘disosetše’ go tlhomamisa phopholego ya mmu mo polaseng ya gagwe. Babatlisisi ba Thomo ya Dipatlisiso tsa Metsi a Aforika Borwa e ngwadile teko e e bonolo go tlhomamisa phopholego ya mmu:
Motlhaba
Motlhaba o na le diteng tsa mmopa o o kwa fatshe ga 10%. Ga o bope ‘sosetše’ fela, go ya ka diteng tsa mmopa, se ka bopa kgwele e e tlhamaletseng.
Serokwa motlhaba
E na le diteng tsa 10 - 15% tsa mmopa. Mabele a na le bogolo ba mo bogareng mme a ka tshasiwa magareng ga kgonotswe le supa baloyi. E bopa sa sebopego se se robegang sa ‘sosetše’.
Motlhaba serokwa
Se na le diteng tšas 15 - 20% tšas mmopa. E bopa sebopego se se khutswane sa ‘sosetše’ fela se ka robega ka kgatelelo e nnye.
Motlhaba, mmopa le serokwaa
Se na le diteng tsa 20 - 35% tsa mmopa. E pitikolwe go nna sebopego se tlhamaletseng sa ‘sosetše’ fela se ka robega fa se bopilwe ka sebopego sa U.
Mmopa serokwa
E na le 27 - 40% ya mmopa. E bopa sebopego sa U, fela e a robega fa e bopilwe jaaka doughnut kgotsa sediko.
Motlhaba mmopa
E na le diteng tsa 35 - 50% tsa mmopa. E bonthsa dithoto tsa mmopa, fela gape bomotogo fa o gotlhiwa. E a robega fa go bopiwa sediko.
Mmopa
O na le go feta 50% ga mmopa. Mmu o bopa sediko se se tlhamaletseng kwa ntle le go phšatlega mme e bontsha go tlhokega ga bomotogo.

Dijalo le Phopholego ya Mmu

©Dr David Lindbo (North Carolina State University)
Phopholego ya mmu e tlhomamisa kelo eo metsi a elellang go ya kwa fatshe mo mmung le kelo ya metsi e e fitlhelwang mo sejalong. Dikarolo tsa motlhaba mo mmung di tsamaisa go elela le go tsenya mowa mo mmung. Mmu wa motlhaba o na le bokgoni bo bo kwa fasana ba go boloka metsi go feta mmu wa mmopa ka jalo metsi le monontsha di ka oketswa ka metlha mo mmung wa motlhaba go feta mo mmung wa mmopa.
Dibolang le tsona di robega ka bonako mo mmung wa diteng tsa motlhaba o o kwa godimo le go nna bofefo jalo go tla ba le moaa o o leng gona mo mmung le bogolo ba dikarolwana tse kgolo - thulaganyo ya go bola ya tse di bolang e tlhoka oksitšene. Godimo ga moo, mebu e e monotsweng sentle e na le diteng tsa mowa o o kwa godimo, seo se tlaletsang mo medung ya dijalo tse itekanetseng.
Mebu e e nang le diteng tsa mmopa o kwa godimo o ka boloka dikotla le metsi a mantsi phepo ka ntlha ya dikarolwana tsa mmopa tse dinnye di na le lefelo la bokagodimo bo bogolo godimo ga bontsi. Dikarolwana tsa mmopa ka dikarolwa tse di kopantshwang bobe mme di na le di-ion tse dintle ka fao di ka kgona go tshwara kgotsa go bongola, dikarolwana tse di kopantshwang sentle jaaka amonia (pokantsho ya naetrojene), potasiamo, kalasiamo, maknisiamo le dikarolo tse dingwe tse di salwang morago.
Bokgoni ba mebu ba go lwesa phetogo ya pH gantsi bo rulaganya dibolang le diteng tsa mmopa.
Mebu ya serokwa e e bonwang e le mebu e malkeba ya dijalo tse di ntsi.

Go Tokafatsa Phopholego ya Mmu

Bobedi mmu wa motlhaba le mmopa bo ka tokafatswa ka koketso ya dibolang jaaka manyora, masaledi a dijalo, mmutedi wa diruiwa, matlakala a kgale, dimoporeime le matlakala a merogo a ebotsweng.

Translated by Lawrence Ndou