Bookamedi le Tsamaiso ya Bana boo Mmutla
Tsalo le Kgolo
Bookamedi le tsamaiso jwa tlhokomelo ya bana ba mebutla ke selo se se botlhokwa thata fa o ikaeletse go atlegisa kgwebo ya gago. Tetlhegelo ya ngwana o mongwe le o mongwe, ke maduo a kgwebo a o sa tlileng goa bona. Ke tatlhegelo ya dijo tse o kabong o dibone mo tafoleng ya gago, e kabo ele phologolo eo kabong oe diriseditse tsalo ya isago go bona mebutla e mengwe kgotsa maduo a thekiso ya phologolo eo.
Barui ba le bantsi ba ka tlogela bana mo setlhageng sebaka sa beke ba sa ba tlhole. Nna ke dumela fa gole botlhokwa go tlhola sentlhaga gangwe ka letsatsi, bogolosetona fa e le gore ke leruo la palo ee kwa godimo kgotsa ele tsalo ya ntlha ya mmabone.
O ba tlhatlhobe go nnetefatsa gore bana ba borethe le go phatsima, mme ba omile. O seka wa bona marapo a dikgopo a bonala ka fa tlase ga letlalo la bone. Fa ele gore bana ba bonala ba otile, tlhotlhoba mmabonemo ka go fogotlha letsogo la gago mo godimo ga mpa ya gagwe. Fa o ka utlwa matsele a gagwe a le bolelo mme a rurugile, a ka tswa a na le mastitis, (buisa lekwalo la tsa Bophelo).
Fa bana bale 7 kgotsa 8 mo sentlhageng, go na le kgonagalo ya gore mmabone o kgala maswi. Ke kakanyo ee siameng go tsadisa namagadi dile mmalwa ka sebaka.
Fa ele gore mme o mongwe oa palelwa, somola (remove) bana bale mmalwa mogo ene, mme fa mme o mongwe (yo a itekanetseng sentle) a santse a ile a sa bone, ka kelotlhoko, tshasa mokgo wa mme o moshwa (go tswa ka fa tlase ga hoko ya gagwe) mo baneng ba eseng ba gagwe (foster babies) mme o ba somele mo setlhopheng sa bana ba gagwe. Bontsi jwa bo mme ba tla amogela bana ba e seng ba bone bonolo fa o ka dira jalo.
Fa e le gore bana bao ke mme wa bone o moshwa ke ba letsopa le le tshwana, o ba tshwae ka kokki pen go gakologelwa gore ke bana bafe ke ba mme ofeng. Nako nngwe le nngwe fa go na le diphetogo mo sentlhageng (hokong) se sengwe le se sengwe o tshwanetswe ke go gatisa diphetogo tseo mo karateng ya hoko (hutch card).
Bana ba tla simolola go tlhoga meriri ka letsatsi la botlhano (5th), mme ba simolole go bula matlho ka la borobedi (8th) - bo lesome (10th). Go ka diragalo gore matlalo a go tswala matlho a maparele ka lebaka la mucous (mamina).
O tla tlhola fa ditswalo tsa matlho dile boshibidu kgotsa di rurugile. Fa gole jaalo, kgwela mathe mo monwaneng wa gago mme o leke go bula ditswalo tsa matlho a mmutlanyana. (Bona Setshwantsho). Se, ke tsela ee maleba ya go ka siamisa ‘nest eye’.
Fa matlho a bulegile, bana ba tla simolola go tsamaya-tsamaya, mme ba tla iteka go sala mmabone morago ga a tswa mo sentlhageng. Leka go ba beela, lere kgotsa setena fa pele ka phatlha ya lebokisi gore ba kgone go tsena ga ba bowa.
Bana ba tla simolola go ja dijo tse di tiileng le mmabone morago ga malatsi a ka nna 16 – 27. Ba tla simolola go ja di’pellets, merogo le tlhaga e mmabone a ntseng ae ja. Go botlhokwa go nnetefatsa gore bana ba bona metsi ka nako e.
Fa e le gore metsi a bonwa go tswa mo di-nipples (sediriswa sa polase), dira bonnete ba gore di kwa tlase gore bana ba ka di fitlhela. Fa o dirisa sejane, mme metsi a fele mo go sone, o se tlatse. O tseyetsiya gore bana ba seka ba wela mogo sone mme ba nwella. Tlhokomela bana ka go ba tshwaratshwara. Ke isago ya leruo la gago mme ba tshwanetswe ke go itumelela matsogo a batho.
Translated by Ikalafeng Maedi