Bookamedi jwa bolwetse ba Avian Influenza

© Chris Daly

Avian Influenza ke bolwetse jo bo borai (pathogenic) thata, ka jalo tlhagogo (outbreak) ya yone e tshwanetswe go begwa go dingaka tsa kalafo ya diphologolo ka bonako. Fa mongwe a ka tlholega go bega tlhagogo ya bolwetse a ka iphitlhela a na le mathata a molao(criminally charged) ke lebaka la matshosetsi a bolwetse jo. Dikao (samples) di tla tsewa mo go diphologolong tsa polase (tse di phelang le tse di suleng) mme di isiwe kwa dilaborotoring go dira ditlhatlhobo. Ditlhatlhobo di tla senola mofuta (strain) wa mofikela(flu). Fa e ka bonwa ka bonako, dikgato di ka tsewa go thebelela anamo ya tshelano mo iphologolong, kwa dipolaseng le mo bathong.

Bookamedi

Fa e ka tlhagelela, polase eo e tla bewa go “quanrantine”, mme diphologolo tse di lwetseng di senolwe mo go tse dingwe tse di ka tshelwang ke bolwetse. Ga go na kalafi ya bolwetse jo, ka jalo mafatshe a le mantsi, go akaretsa Afrika Borwa a lwantshe bolwetse jo ka tsela ya “stamping out”. Se se raya gore diphologolo tse di lwalang kgotsa tse di amegang di tla bolaiwa.
Morago ga fao ditopo tsa tsone di tla latlhiwa ka tsela ee maleba. Go latele phepafatso ya lefelo la tsone ka dibolaya megare(decontamination). Tlhokomelo ya metsamao ya diphologolo, batho le dijanaga mo polaseng go thibelela tselano le anamiso ya bolwetse. Tsotlhe tse di tshwanetswe ke go dirwa ka fa tlase ga leitlho l tsamaiso ya goromente. Batho botlhe ba tshwanetswe ke go apara diaparo tsa tshireletso ga tsotlhe tse di diragala. le fa e le gore bolwetse jo bo ka se ame batho.
Kwa mafatsheng a mangwe Mekento e ka dirisiwa go sireletsa dinonyane tse di itekanetseng ka nako e bolwetse bo tlhagogileng kgotsa fa bolwetse bo setse bo tshetlhetse (endemic). Tiriso e ga e ya dumelelwa mo Afrika Borwa, ka gore mekento e, e ka kgoreletsa kgwebo ya mafatshefatshe (international trade), ebile e ka dira gore bolwetse bo seka ba bonagala bonolo. Go na le bagwebi ba ba dumelang gore mekento e e amogelwe mo Afrika Borwa, ka gonne Afrika Borwa ga e kgone go abela bagwebi phimolo dikeledi ga ba ka latlhegelwa, mme seo sea dumelwa kwa mafatsheng a mangwe.

Thibelo

Lefapha la Temothuo le dimela gore, megare e ka phatlhalatsiwa ka go tsamaisiwa ga dikgogo go tswa mo polaseng engwe go ya go engwe, batho, bogolosetona ga ditlhakong le diaparong tsa bone di tswaeditswe, dijanaga tsa polase tse di ka tshwarang diphologolo le di diriswa tsa polase, dijo tsa dihologolo le dohoko tsa dinonyane. Bo rapolase ba tshwanetswe ke go tsaya dikgato mme ba nne malalaotswe go thibelela malwetse go ka tlhagoga kwa dipolaseng tsa bone. (buisa go gongwe ka biosecurity).
Bagwebi ba ba baya dikgogo tsa bone kwa ntle ba tshwanetswe ke go di bonela manno a a botoka. Megare e ka anamiswa ke kgolagano le mantle a dinonyane tse di lwalang, dinonyane tsa naga, dijo tse di nang le mantle a dinonyane, metsi aa seng phepa, di diriswa tsa polase le diaparo. Diruiwa tse dingwe jaaka dikatse le dikolobe, di ka tshola malwetse mo go tsone.
Kwa mafatsheng a mangwe go bonwe fa go na le kgolagano magareng ga dipaka le tlhagogo ya malwetse, kaga malwetse a ka simolola go runya ka paka ya letlhabula mme e nyelele ga maemo a loapi a futhumala. Mo Afrika Borwa, go tlhatlhobiwa dinyonyane tsa naga le tse di kwa dipolaseng, go ka tsaya dikgato ka bonako le go kua mokgosi ga bolwetse bo ka tlholega.

Translated by Ikalafeng Maedi