“Go tsa bojang go dira bojang’ ke moano o o dirisiwang ke molemirui yo o abetsweng molemerui wa dikgomo wa Amerika. O tlhomile mogopolo ka ga botlhokwa ba bolaodi ba phulo go aga tse di bolang mo mmung le go boloka bongola mo mmung.
Mafulo a laolwang sentle a nna le seabe se segolo mo tswelelong ya leruri le maphelo a diphedi tsa tlhago tsa mo polaseng, fela se se botlhokwa ka go lekanela, ke bolaodi ba phulo go netefatsa katlego ya bokgoni ba ntshokuno ya theko e e kwa godimo ya go jala mafulo.
Kwa ntle le togamaano e e maleba go oketsa boleng le ntshokuno ya mafulo, go botlhlokwa thata go dirisa mekgwa ya bolaodi e e leng maleba mo mofuteng wa sejalo, diruiwa tse o tshwanetseng go di fepa mmogo le mmu wa polasa ya gago, go nna gona ga metsi le maemo a bosa.
Fa o dira togamaano ya furu e ntšhwa kgotsa go dira teko ya theknoloji e ntšhwa, similola ka bonnye. E seng fela gore e tla nna bonolo go laolwa, fela e ka dira madi le go nna bonolo go e atolosa/fokotsa jaaka fa o bona dipoelo.
Go botlhokwa go laola mefero ka nako ya jalo ya mafulo ka ntlha ya gore dijalwana tsa bašwa di masisi thata mo meferong e e gaisanelang metsi, dikotla le matlhasedi a letsatsi. Gape, mefero e jaaka ragwort gongwe e leng botlhole mo dikgomong le dipere tše di fulang mafulo.
Tota tota, kitlano ya mafulo e tshwanetse go nna e lekaneng go fokotsa kgolo ya mofero. Mafulo a a fulwang go fetisa o ka feletsa ka mmu o lolea. Se se ka nna mosola mo kgolong ya mofero ka jalo khupetso ya dijalo mo tsamaisong ya gago ya phulo e atlenegisitwe, fa e ka bo tiragatso e kgonega.
Gakologelwa gore mefero e ka nna sesupo sa ditlhaelo/diphetiso tsa dikotla mo mmung wa gago, sekao, setlama sa fumaria o o ratang mebu ya potasiamo e kwa godimo. Teko ya mmu go tlhomamisa lenaneo la nontsho le go thusa go laola mefero.
Gape mefero e ka laolwa ka sekhemikhale. Taolo ya mefero ya tlakalaphara e ka tlhoka dibolayamefero tse mmalwa kgotsa ditiriso mo setlheng se le sengwe. Ditiriso ka dinako tse di farologaneng ka ngwaga di ka laola mefero botoka tseo di melang mo nakong ya ditlha tse di farologaneng.
O se fule lekopana
O se dumelele diphologolo go fula mo mafulong a mantšha a sa tswang go jalwa e santse e le ka pele kgotsa gangwe le gape thata. Go ya ka sejalo, ema go fitlhela fa dijalo di le bonnye ba 20cm botelele. Bontsi ba dijalo tsa furu ga ba a tshwanelwa go fulwa bokhutswane go feta 10cm, e ka nna bophara ba seatla.
Se se tla letlelela kgolo lešwa ka bontsi. Tsaya tsia kelo ya diruiwa tse dinnye - palo e e kwa tlase ya diphologolo mo masimong a phulo. Se se ka nna jalo ka bofatshe ba kgomo e le nngwe ya nama ka dihektare tse 3.
Dikolosa mafulo
Tsaya tsia go arola mafulo ka dikampa tse di nnye go letlelelea mafulo a futsweng go ikhutsa go fitlhela dibeke tse thataro. Dikolosa diphologolo magareng ga dikampo, o di ntshetse kwa ntle fa mafulo a le makhutswane.
Nontšha phulo
Go ya ka diteko tsa mmu, go ka tlhokega go tlaleletsa dikotla morago mmung. Mo menawa e neng e dirisitswe jaaka karolo ya motswako wa mafulo a dijalo, go ka nna go sa tlhokege go tlaleletsa naetrojene. Balemirui ba bangwe ba haraka mafulo a bona morago ga go fula go phsatla le go gasa motshetelo ka go lekana.
Dira leano la go tiriso ya mafulo
Phetogo ya mafulo go ya dijalong go botlhokwa thata ka nako. Se se tla laolwa ke tiriso ya mafelelong ya phulo sekao, furu kgotsa letseto motswako wa dijalo sekao, bjang-nawa mmogo le kgato ya go gola ga motswako wa mafulo.
Ka go lekana le nako e botlhokwa thata, ke go boela go tswa kwa sejalong go ya kwa phulong. A phulo e ntšhwa e tla tlhongwa kgotsa go jala mo godimo ga tse dingwe go tla dirwa? Go jala mo godimo ga tse dingwe ke mokgwa wa go jala mafulo a jaaka dijalo tsa tlabere mo mafulong a leng gona kwa ntle le go suga kgotsa go tsitsinya mmu kgotsa go baakanya lekidi.
Ditsamaiso tsa go tsenya dijalo mo go tse dingwe, mafulo a tswakilweng a jalwa mmogo. Kgolo e e rileng e ya robiwa ka ntlha ya letseto, fa tse dingwe tsotlhe di letlelelwa go gola ka ntlha ya tiriso jaaka phulo.
Translated by Lawrence Ndou