Bofutafuta jwa Nama ya Kolobe

©Winelands Pork
Tsapamiso-maatla ya madirelo a Afrika Borwa nama ya kolobe mo tlhagisong ya nama e tshesanyane e isitse kwa goreng nama ya kolobe ya mo Afrika Borwa e nne le mafura a a kwa tlase ga ya kwa dinageng tse dingwe. Le fa go le jalo, nama ya kolobe ya Afrika Borwa ke sejo se se tletseng dikotla, se se humileng ka diesiti tsa amino, di-vitamin le diminerale, ka dielo tse di kwa tlase tsa cholesterol le diesiti tse di mafura a a tlopetsweng.
South African Pork Producers Organisation (SAPPO) mo bukaneng ya The Complete Guide to South African Pork e kaya tse di latelang jaaka mesegô e e tlwaelegileng ya nama ya kolobe:

Dikgopo tse Kima

©Winelands Pork
Chops tsa kgopo e kima di segwa gaufi le molala wa setoto mme, goya ka The Complete Guide to South African Pork, ke chops tse di matute go feta le tse di boleta go gaisa tse o ka di fitlhelelang. Di siame go ka beswa kgotsa go gadikwa mo paneng. Kgopo e kima gape e ka segwa go dira manathwana a kebabs, stir-fries, dikhari kgotsa setšhuu.
Kgotsa ka fa go le lengwe, lerapo la legetla le ka ntshwa, la bofelelwa kgotsa la tsenngwa mo kgetsaneng ya sefo go dira pesa ya mo ontong e e monate, kgotsa mosamo wa legetla o ka segwa gotswa mo mosifeng o mogolo wa legetla. Mosamo onô ke mosegô o o mosesane o o senang marapo mme o na le tatsô e e monate, o o siametseng go beswa ka onto.

Kgopo

©Winelands Pork
Kgopo e ka ntshwa lerapo le go dikoloswa kgotsa e ka tlogelwa ka lerapo gore e beswe mo ontong, kgotsa ya segaganngwa go dira chops tse di siametseng kgadiko ya mo paneng, dipesa kgotsa grilling, ka marinade kgotsa ntle le marinade, kgotsa sauce e e tshaswang.

Loin

©Winelands Pork
Loin e ka diriswa jaaka pesa ya mo ontong ka lerapo kgotsa e sena lerapo, mme pesa e bitswa saddle fa loin e sa kgaoganngwa ka dikarolwana di le pedi. Loin gape e ka segaganngwa go dira chops tse di boleta tse di tatsô, tse di ka gadikwang kgotsa tsa beswa, di na le marinade kgotsa sauce e e tshaswang kgotsa di sena tsona.

Chump

©Winelands Pork
Chump e ka ntshwa marapo kgotsa ya itumelelwa ka bojotlhe mo leotong jaaka pesa e kgolo ya mo ontong. Chump gape e ka segwa go dira chops, tse eleng di rump steak tsa setoto sa kolobe, goya ka The Complete Guide to South African Pork. Chops di ka beswa kgotsa tsa gadikwa mo paneng, ka marinade kgotsa ntle le yona.

Leoto

©Winelands Pork
Leoto le le feletseng ke tsela e e tatsô e e tlhwatlhwa-tlase ya go fepa setlhopha se se golo sa batho. Mong wa selaga a ka ntsha lerapo le go bofelela leoto kwa godimo go netefatsa fa le nna le sebopego se se lekalekanang le gore le go segega bonolo fa le setse le apeilwe. Leoto le ka kgaoganngwa ka dikarolwana tsa pesô di le pedi, letlhakore le le kima le silverside, kgotsa la segaganngwa go dira manathwana kgotsa strips tsa kebab, stir-fries, setšhuu kgotsa dikhari. Kgotsa ka fa go le lengwe, schnitzels, steaks kgotsa chops di ka segwa gotswa mo leotong gore di gadikwe mo paneng, ka grill kgotsa di beswe.

Ditlhakwana

©Winelands Pork
Ditlhakwana tse di feletseng di ka phepafatswa le go bediswa go tlhagisa “Eisbein”. Gape di ka segelelwa go dira manathwana, a a siametseng dijo tse di apewang ka iketlo, jaaka setšhuu, potjiekos le dikhari.

Mpa

©Winelands Pork
Mpa e ka itumelelwa ka bojotlhe, e na le lerapo kgotsa e sena lerapo, jaaka pesa e e matute ya mo ontong kgotsa e segeletswe ka manathwana, rashers kgotsa streaky pork. Goya ka bukana-kaedi, manathwana anô a gaisa fa a beswa mo godimo ga malatlha a bolelo jo bo mo magareng, ka tshasitswe sauce kgotsa marinade kgotsa a sa di tshaswa.

Sehuba

©Winelands Pork
Sehuba ke fao spareribs di segwang gotswa fa teng. Di ka tshaswa marinade, tsa tshelwa matute le go beswa mo ontong kgotsa mo godimo ga magala. Sehuba gape se ka diriswa se feletse jaaka pesa ya mo ontong, ka lerapo kgotsa ntle le lerapo.

Translated by Nchema Rapoo