Bodumedi le Ditumelo tsa Matebele

© Dr Peter Magubane

Lefatshe le le Matlhagatlhaga la Semowa

Jaaka go ntse ka bontsi jwa ditlhopha tsa setso mo Aforika, botshelo ba Matebele bo ne boitshupa ka lefatshe le le matlhagatlhaga la semowa, se se dirisang tlhotlheletso e kgolo thata mo mererong ya letsatsi le letsatsi le fa e ka nna nnye jang. Bolwetse le bomadimabe, pholo e e siameng le lesego tsotlhe di bonwa ka ntlha ya gore e ka nna tsereganyo ya mowa e e tlhamaletseng go tswa mo lefatsheng la semowa, kgotsa ditaolo ya ba ba tlhaeletsanang le lefatshe leo.

Ba bofelo ke dingaka tsa ditiro tse dintle, kgotsa baloyi ba ba tlisang bosula ka ga bona. Badimo (abezimu), banni ba ba botlhokwa ba lefatshe la mowa, ka bobedi ke bakopi e bile ba lefufa, ba tlhoka tsholofetso e e tswelelang ka go dira setlhabelo. Go retelelwa ke go latela molao le setso tse di beilweng, jaaka di tlhokiwa ke badimo, go dumelwa gore ke ntlha e kgolo ya tlholo ya bomadimabe.

Gape ba dumelwa go sireletsa ba ba tshelang kgatlhanong le madimabe ka go ba gakololo ka ditoro, le go naya maatla ka go baakanya melemo go tswa mo ditlameng le metswako e mengwe. Badimo ka jalo ke motheo moo pholo ya setso e ntseng kwa gona.

Thata ya tumelo ya badimo le kobamelo e neetswe Matebele ka tsweletso ya bona ya setso, e e dirileng gore ba kgone go tshola boitshupo bo bo farologaneng ka nako ditlhopa tsa boagisani tse di maatla le tse di leng kwa godimo, gammogo le ka ntwa e e neng e gagola le bofaladi ba bona.

Translated by Lawrence Ndou