Bobowa jwa Alpaca

© Marinda Louw

Di-Alpaca ke maloko a a gaefaditsweng go se nene a di-camelid tsa Amerika Borwa. Fa e sale ntse di diriswa dingwaga-ngwaga di le milione ka ntlha ya tlhale ya tsona e e tshwarelelang ele boleta mme gape e amoganya. Di beolwa gangwe mo ngwageng ka dikgakologo, di-alpaca di kgona go fetolela dijo go nna bobowa mme e kaiwa fa ele phologolo e e tlhagisang bobowa bontle go gaisa.

Tlhagotshedimosetso ya Ditlhale tsa Alpaca

©Marinda Louw

Tlhale ya alpaca e tshesa-tshesane mme ka jalo e borethe, e batlile go nna jaaka silika, ka kutlotshwaro. E kaiwa fa e tiile le go nna tshesane gatlhano go feta wulu mme gape e telele go feta bontsi jwa ditlhale tse dingwe tsa tlhagô. Mabaka a a farologaneng a sweetsa boleta jwa tlhale ya alpaca. Ditlhale ka bongwe tsa alpaca di bopiwa ke 'makwapa' a a itharileng le mofeng wa tlhale. Boleele jwa lekwapa la tlhale e ka nna 0.04 microns fa go bapisiwa le 0.08 microns mo lobakeng lwa wulu. Seno, mo tirisong, se kaya gore tlhale ya alpaca e utlwalega ele boleta go feta wulu. Makwapa a maleele go feta a wulu le mohair, mme seno se nonotsha gape borethe jwa tlhale ya alpaca goya kwa godimo ga jwa mefuta ele mebedi e nngwe ya tlhale. 

Tlhale ya alpaca e na le bokganela-metsi, e kganela phasalalagote ya maatlatsatsi mme e na le dipata tsa mowa tse di nnyennye go e neela tlhagotshedimosetso ya boamoganyi. 

Ga e na lanolin, sere se se oli se se ntshwang ke diphologolo tse di tlhagisang wulu. Masaledi gotswa mo dikhemikhaleng tse di tlhokegang go ka fedisa lanolin gotswa mo wulung ya nku gantsi di baka go babelwa jaaka tshupabolwetse ya tsibogelo-selwatsi. Fela, tlhale ya alpaca ga e bake go babelwa gono, mme e siametse go ka diriswa mo diaparong tsa masea le tsa batho ba ba nang le letlalo le le amegang bonolo. 

Bobowa jwa alpaca bo tla ka ditlhopha-tlhaolo tsa mmala tse di farologaneng di le 22 le ditlhopha-tlhaolo di le mmalwa tsa bosesane tse di farologanang magareng ga 16 le 30 microns. Fa micron di ntse di ya tlase ke teng mo e nnang tshesanyane le bolejana. Mebala e farologana gotswa go bosweu, ditswa-mmaleng o o borokwa, le bosetlha goya bontshong mme bosweu ke mmala o o ntshitseng magetla.

Mefuta ya Bobowa jwa Alpaca

©Marinda Louw

Go na le mefuta-ponagalo ele mebedi ya di-alpaca, Huacaya ka tlhale ya yona e e ngami e e tshwanang le ya nku ga mmogo le alpaca ya Suri ka tlhale ya yona e telejane e e borethe go feta. Tlhale ya Huacaya e na le tlhale e e makhubu e e tsholang popegô ya yona fa nako e ntse e tsamaya mme e siametse thata ditlhagiswa tse di logilweng. Tlhale ya Suri e na le phatsimo e e rileng e e tshwanang le ya silika mme e ratega mo ditlhagisweng tsa maemô a a kwa godimo tse di jaaka sutu ya alpaca. 

Bobowa jwa alpaca bo tlhoka go ka tshwaiwa-boleng sentle go fokotsa go tlhagelela ga tlhale e e magwata, e e bitswang bobowa-ntle. Mabaka a a jaaka bomadi jo bo bokoa, protein e e kwa godimo mo sefeping sa alpaca, le dingwaga tsa phologolo di ka baka go nna magwata ga tlhale.

Phetolo ya Bobowa jwa Alpaca

©Marinda Louw

Go na le matlhakore a a farologaneng a a leng teng mo tlhagisong ya ditlhagiswa tsa tlhale ya alpaca. Tsamaiso e simolola ka kotulô ya bobowa. Bobowa (kgotsa tlhale) jwa alpaca bo kotulwa gangwe mo ngwageng ka Lwetse kgotsa Diphalane, go ikaegile ka bomasisi jwa mariga a Afrika Borwa. Di-Alpaca tsotlhe tse di godileng le crias (bana ba alpaca) tsa bobotlana jo bo ka nnang dikgwedi di le thataro di beolwa ke mobeodi wa alpaca yo o katisitsweng ka kgethego, mme o dirisa didiriswa tse di tshwanang le tse di dirisetswang dinku. Cria e tlhagisa go ka nna 1 kg ya tlhale fa alpaca ya mogolo a ka tlhagisa go ka nna 2.5 kg kgotsa nako dingwe go feta fao. 

Tlhale morago e tlhopiwa ka seatla ka bophepa go ntsha diresemela tse di jaaka mebitlwa le bojang. Mme tlhale ya alpaca ya mebala e e tshwanang e a kopanngwa. Batlhagisi bangwe ba bobowa ba alpaca ba ka kokoanya dikarolwana tsa tlhale e e mmala o o tshwanang ka setlhopha sa 'dikôlô'. Sekai, tlhale e e borokwa gotswa go phologolo e tshweu le patsô e potlana ya borokwa. 

Skirting ke tsamaiso ka motsi wa peolo (kgotsa morago ga fao) fa 'bobowa-ntle' jo bo bonagalang - jo bo ka metang go feta 30 microns, bo ntshwang gotswa mo karolong e e borethe ya bobowa. Tsamaiso ya ntshô-bowa kwa tshilong e ntsha meritshana e mekima e e tlhamaletseng e e setseng. 

Tlhale morago ga fao e romelwa goya go phetolwa kwa tshilong e e kgethegileng kwa Butterworth kwa Kapa Botlhaba. Phetophetolo ya metšhine e e diriswang mo phetolong ya mohair ga e kgone go phetola tlhale ya alpaca. Tlhale santlha e a tlhatswa mme mebala e tsholwa ka go kgaogana, mme e omiswe ka mowa mme e kamiwe. Go kama go tlhômaganya ditlhale tsa alpaca ka go bapa. Morago ga go kamiwa ditlhale di siametse go dikolosetswa go tlhale ya go loga.

Bomadi le Bobowa jwa Alpaca

Go tsadisetsa mmala wa bobowa o o rileng ke tema e e matswakabele mo bolemiruing jwa alpaca, segolobogolo mmala o mosetlha. Dipatlisiso di le di ntsi di a dirwa ka ga tsadiso ya mmala ono, go bega Alison Notley, moporesidente wa Alpaca Breeders Society le mong wa Helderstroom Alpacas.

Australia e dira go le gontsi go tokafatsa boleng jwa bomadi jwa bobowa jwa alpaca, segolo thata mo temeng ya pharologanyo mo bokimeng jwa bobowa, phokotsong ya selekanyetso-kabo sa di tlhale tsa ntlha go tsa bobedi (bobowa-ntle jo bo magwata).

Translated by Nchema Rapoo