Bill Clinton a bua kaga boswa jwaga Mandela

© Eric Miller

Botho

Mopresidente wa pele wa lefatshe la United States, Rre Bill Clinton, o buile mafoko a tlotlo kaga Rre Nelson Mandela ka moletlo wa gagwe wa letsatsi la matsalo, ka ngwaga wa 2007.

Fa a ne a bula tiragatso ya boipelo kaga Mandela le mopresidente wa pele wa mokgatlho wa ANC, Kgosi Albert Luthuli kwa diofising tsa Nelson Mandela Foundation kwa Johannesburg, Rre Clinton o rile, selo se se botlhokwa mogo rona ka ga boswa jwa botshelo ba Rre Nelson Mandela e ne ele ponagatso ya gore botho jwa batho botlhe mo lefatsheng bo botlhokwa go feta dipharologanyo tsa rona.

Dipharologano tsa rona batho, ke dilo tse dintle ka gore di dira botshelo bo kgatlhise, mme fela, botho ba rona ke bone bo leng botlhokwa go feta. Ke yone karolo ya boswa jwaga Mandela ee botlhokwa thata ka gonne ele sengwe se se leng kwa boteng ba mathata otlhe aa tsileng go bonwa ke bana ba rona le ditlhogolo tsa rona.

Mandela o ne ale teng kwa moletlong oo, mme ga a ka a dira puiso go batho. Clinton o tsweletse ka go re, go botlhokwa gore batho ba lefatshe lotlhe ba gopole mme ba phele maitsholo le ditiro tsa boswa jwa botshelo baga Mandela, mme e seng ka thagasello fela.

O boleletse botlhe gore, o iteka go goroga kwa Afrika Borwa ngwaga nngwe le nngwe ka nako ya letsatsi laga Mandela la matsalo. O dira seo ka gonne a re a lakaletsa go etela tsala ya gagwe e bong Mandela e bile ele moritlwetsi o mogolo wa bontsi ba dilo tse a di dirileng.

Translated by Ikalafeng Maedi