Baeleletsi-Masego ba Keteka Kgololo ya Nelson Mandela Gotswa Kgolegelong

© Dr Peter Magubane
Baeleletsi-masego ba keteka kgololo ya Nelson Mandela go tswa kwa kgolegelong.
Fa Nelson Mandela a ne a gololwa gotswa kwa kgolegelong ka 1990, maAfrika-Borwa a le mantsi a ketekile go boela gae ga mogaka wa sepolotiki wa naga. Boidiidi jwa batshegetsi bo tshwere dikokoano le go keteka mmogo kgololosego ya ga Madiba. Batshegetsi ba apere dikhipa tsa mebala ya African National Congress (ANC) ya bontsho, botala le bogauta tse di kwadilweng “Amogelega fa gae moeteledipele wa rona” le mafoko a mangwe a thotloetso go ANC. Go boela gae ga Madiba go neetse bokamoso go maAfrika-Borwa a le mantsi a a neng a gateletswe ka dingwaga tsa tlhaolele le tsholofelo ya gore kgololosego ya Mandela e tla lere kgololosego go mongwe le mongwe mo nageng.

“Ga go yo o itsing setšhaba ka boammaruri go fitlha a nna mo dikgolegelong tsa sona. Setšhaba ga se a tshwanela go atlholwa ka moo se tsholang baagi ba sona ba ba kwa godimo ka teng, mme ka moo se tsholang ka teng ba ba kwa tlase.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more