Batshegetsi ba ga Nelson Mandela Ba Dira Ditshupetso Gore A Gololwe

© Dr Peter Magubane
“Golola Mandela!”
Ka motsi wa go golegwa ga Nelson Mandela kwa Robben Island, baagi ba Afrika Borwa ba le bantsi ba ikuetse gore a gololwe, ba rulaganya megwanto le dikokoano go dira ditshupetso kgatlhanong le go golegwa ga gagwe. Boidiidi jo bo golo go ralala naga bo ne bo dira ditshupetso go tlotlomatsa Mandela le go ikuela gore a gololwe. Batho ba mebala yotlhe le ditso tsotlhe ba ne ba direla puso ya tlhaolele ditshupetso mmogo le tsenyo ya yona e e setlhogo ya melao e e aroganyang batho go ya ka mmala.
Go tshwantshitswe fano setlhopha sa badira-ditshupetso, se goeletsa “Golola Mandela!” se tsholeditse diplakate tsa mebala ya ANC ka sefatlhego sa gagwe mo go tsona, mme ba tsholeditse mabole ka mokgwa wa tumediso ya kgaratlho. Lebole le le tsholeditsweng e ne e le sesupo sa maatla le popagano ka dingwaga tsa tlhaolele.

“Ga gona naga e e ka tlhabologang ntle le fa baagi ba yona ba rutegile.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more