Mosadi O Ipelaetsa Kgatlhanong le Ditlhaselo-Phuruphutso Tse South African Defence Force E Di Dirang Kwa Dinageng Tsa Boagisani Tse Di Amogetseng Maloko A ANC

© Dr Peter Magubane
Tiro ditshupetso kgatlhanong le diphuruphutso tsa tshoganyetso tse South African Defence Force e di dirang kwa dinageng tsa boagisani Zimbabwe, Zambia le Botswana tse di “fanang ka bonno” go maloko a ANC.
Ka dingwaga tsa tlhaolele, balwela-ditshwanelo kgatlhanong le tlhaoele ba le bantsi ba ne ba ya go iphitlha kgotsa ba ya kwa botshabelo kwa dinageng tsa boagisani, tse di akaretsang Zambia, Botswana le Zimbabwe. Dinaga tse di jaaka Mozambique le Angola di ne di belaelwa. South African Defence Force (SADF) e ne ka metlha e dira ditlhaselo-phuruphutso tse di sa solofelwang go kgabaganya molelwane go thibela dinaga tse dingwe gore di seka tsa tshegetsa mokgatlho wa kgololosego wa Afrika Borwa.
Go tsibogela ditlhaselo tseno, batho ba ne ba dira ditshupetso kgatlhanong le puso-sesole ya mmuso wa Afrika Borwa le puso ya tlhaolele. Ba ne gape ba lopa kgololo ya Mandela, tekatekano ya ditshwanelo go botlhe le kgololo gotswa mo kgatelelong. Go tshwantshitswe fano mosadi a tsholeditse letshwao le le reng: “Golola Mandela”.

“Fa monna a kganelwa tshwanelo ya go tshela botshelo jo a dumelang mo go jona, ga ana tlhopho fa e se go nna serobamolao.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more