Aquaponics: Tharabololo ya Mathata a Dijo

Aquaponics le Tsuololo ya Botala

©Henk Stander
Lefatshe le ka lebagana le bothata jo bo masisi jwa tlhaelô ya dijo fa go sa dirwe sengwe ka gangwe go thibela mekgwa-tiriso ya temôthuo e e sa babaleleng ditsatlholegô. Seno e ne ele molaetsa mo pegelong ya 2019 gotswa go World Wide Fund for Nature (WWF), e e supang gore Afrika Borwa e tla tshwanela go tlhagisa 50% ya dijo tsa tlaleletso go tlamela bontsi jo bo lebeletsweng-pele jwa batho ba yona jwa 73 million ka 2050.
A aquaponics e ka dira jaaka thulaganyo ya dijo mme e nne tharabololo go tlhaelô ya dijo ya Afrika Borwa? Komiti ya Bonetetshi ya Palamente ya European Union e dumela jalo. Mo pegelong ya yona ya 2015, aquaponics e ne e nankolotswe jaaka nngwe ya ditsweletsopele tsa technology di le 10 tse di kwa godimo tse di ka rotloetsang matshelo a batho ka fa go siameng mo dingwageng di le 50 tse di latelang.
Lefatshe le gaufi le tsuololo ya thulaganyo ya dijo e e feleletseng. Ka seo, lekala la temôthuo le tsena mo tsuololong ya botala ya bobedi ya lona - seno se raya gore re tla tshwanela ke go nna botlhale le go bona ditsela tsa go tlhagisa dijo tse di botsalano go tikologo.
Diphetogo, popôsešwa le technology ya sešweng tse di tlhokegang mo tsuololong ya botala di setse di le teng, seno se akaretsa thebolelo-maatla e e babalelang ditsatlholegô. Batlhagisi le dikgwebo tsa temôthuo ba tshwanelwa ke go aga dithulaganyo tsa dijo tse di boakaretsi, di babalela ditsatlholegô, di le manontlhotlho mme di le dikotla ka go dira ditiro tse di boeteledipele tse di ikaegileng ka mmaraka le tirisanommogo magareng ga ditlhopha tse di nang le kgatlhego le baitseanape ba ba ka fanang ka kitso mo lekaleng. Bobatlisisi le popôsešwa di tshwanetse go ka tsenngwa mo mekgwa-tirisong ya tlhagiso mme mekgwa-tiriso eno e tshwanetse go kgweetswa thata ke tlhagiso.

Ke Eng Aquaponics?

©Henk Stander
Aquaponics ke mokgwa wa tlhagiso o o tlhagisang dijo tsa botswatsheding ka ditlhwatlhwa tse di kgonwang. Aquaponics ke tsadiso ya diphologolo tsa metsi a a foreshe tse di jaaka tlhapi le lobster mo thulaganyong ya temôwatle ya tikoloso-metsi, ka go kopano le tlhagiso ya dimela ntle le mmu mo thulaganyong ya hydroponic.
Tlhapi e e mo thulaganyong ya temôwatle e tshela mo thulaganyotsheding e e tswalegileng. Mantle a tlhapi a humile ka phosphate le nitrogen tse di tlhaologang mo metsing mme di thujwe ke bacteria ya maitirelo mo sebopegong se se seng botlhole. Mantle a dira jaaka dikotla mo dimeleng. Dimela kwa morago di tlhotlha metsi mme di a tlhatswe pele a dikoloswa go boela morago kwa tlhaping. Ga gona ditlhagiswa tsa mantle dipe tse di tsenang mo tikologong mme metsi a a potlana ka 90% a diriswa mo aquaponics go na le mo mekgwa-tirisong ya temôwatle ya naga e e bulegileng.

Katiso le Thuto ya Aquaponics

©Marinda Louw
Go rotloetswa thata gore balemirui ba ba ntšhwa ba aquaponic ba konosetse lenaane-katiso la motheo le ya diatla pele ba ka simolola bolemirui jwa aquaponics. Go na le batlamedi ba ditirelo ba ba farologaneng ba ba neelanang ka katiso ya bolemirui jwa aquaponics mo Afrika Borwa.
Aquaponics Society of South Africa e na le website e e neelanang ka tshedimosetso le tshegetso go balemirui ba aquaponics ba ba fatlhogang le ba ba setseng ba itlhomile.

Translated by Nchema Rapoo