African Weasel
Weasel ya Afrika

© Nigel J Dennis

Leina

Weasel ya Afrika [Poecilogale albinucha]

Ponalo

Tlhogo le mmele di botelele jwa dimilimitara tse di 300, le mogatla o o kana ka dimilimitara tse di 175. Weasel ya Afrika e boima jwa digrama di le 250 go ya go tse di 350. Di na le mmele o o mo sesane le maoto a makhutswane. E na le mebala e e kgethegileng ka botelele jwa mmele o mo ntsho le bosweu mo mokwatleng, godimo ga tlhogo le mogatla ke e tshweu.

Dijo

Weasel ya Afrika e phela ka go ja peba le lemphorwana mo fatshe fela, ka mabaka a mangwe a a a rileng e ja ditshenekegi. Sebolaiwa se longwa kwa morago ga molala mme maoto a kwa pele a se tshwara gore se se siye le go se pitikisa ka letlakore kgotsa go paledisa phologotswana go ka emelela. Le gona mo phologotswana e gogelwago kwa morago, mme maoto a kwa morago a gatile sebolawa, gore se robege lerapo la mokwatla.

Pelego

Weasel ya Afrika e belega ga nngwe ka setlha, mme nngwe le nngwe e belega e e nosi kgotsa tse tharo go isa go tse di nne. Pelego e direga ka nakong tsa Dikgakologo le Selemo. Di tshadi di belega ka morago ga malatsi a 32. Tse di nnye di mela meno morago ga malatsi a 35 le matlho a simolola go bulega morago ga malatsi a 52. Bana ba tsawa jaaka ba godile kwa morago ga dibeke di le 20 fela di ka kgona go bolaya phologotswana ka dibeke tse 13.

Boitshwaro

Weasel ya Afrika di nna di le pedi kgotsa tse nne ka nakong ya go tlhakana ka bo tona le bo tshegadi le kgodisong ya bana, fela ka kakaretso e tshela e le nosi.

Moo di nnang teng

Mafelo a e siametseng a akaretsa mo go leng bojannye jo bo nang le monola le mo go nang le dipula tse di fetang dimilimitara tse 700 ka ngwaga. Mafelo a dipeba di fitlhelwang ka bo ntsi. Ka kakaretso di a tlhokega, e bile go dumelwa gore dinomoro tsa tsona di ya kwa fatshe ka dinako tshotlhe.

Di fitlhelwa kwa kae?

Weasel ya Afrika di phatlaladitswe go tswa kwa di karolong tsa Botlhaba jwa Afrika e be Borwa, e leng kwa Lebowa go ela Afrika bogareng, gape e bonwa go tswa mafelong a kwa mabopong a Borwa-Botlhaba go ya Lebowa go feta Kwazulu Natal, Mpumalanga le Profense ya Lebowa.