African Rock Python
Tlhware

© Shem Compion

Leina

Tlhware kgotsa African Rock Python [Python sebae]

Mophato

Reptilia

Tlhomagano

Squamata

Lelapa

Boidae

Subspecies

Go mefuta e mebedi e e itsiweng : African rock python [Python sebae sebae] le Southern African rock python [Python sebae natalensis]

Botelele (Namagadi)

5,0 m

Botelele (Tona)

4,25 m

Ponalo

Tlhware ya African Rock Python ke noga e tona go di feta tsotlhe mono Afrika. E na le letshwao le le tona kwa godimo ga tlhogo le le tshwanang le o ka reng tlhogo ya lerumo; mabanta a bontsho le bosetlha a bonala go tloga ko matlhong go fitlha kwa molomong. Mmele wa yone o metswako mebala e e bosetlha/botala-ntlhwa, le borokwa, mela e bontsho le ditsubaba fa go dimo.

Phatlhalatso

Tlhware ya African Rock Python e ka bonwa kwa sub-Saharan ya Afrika go ella kwa bogare le kwa Bophirima ba Afrika fa tlhware ya Southern African Rock Python e bonwa go tloga kwa Kenya go fitlha mo Afrka Borwa kwa teng e fitlhelwang kwa Lowveld, go fitlha Kwa-Zulu Natal south coast, ebile e atile kwa Limpopo valley go fitlha kwa Lobatse ko Botswana le go tsenelella ga Northern Cape.

Tsalo

E namagadi e beela mae a ka nna 30-50 a a matona, mme a batlile a nna kgolokwe. E namagadi e a tlamparela ka tsopaganya mo go one go a sereleetsa, mme ga e a elame ka go roroma. Tse dinnye di tla thuba lee morago ga malatsi a le 60-80.

Dijo

Tlhware ya African Rock Python e fepa ka ditshepe le diphala, dikgabo, kgaka, le diphologolo tsa kwa magaeng, mme le ditlhapi, mokgantitswane le dikwena di ka jewa.

Field Notes

Tlhware ya African Rock Python ga e na tshefu ga e bogalaka (non-venomous), E bolaya setlhabelo sa yone ka go se kgema.