Winnie Mandela o Tswelela Pele Kgaratlho

O Tshwerwe le Go Tlhokofadiwa

©Eric Miller
Go sa kgathalasege ditaelo tsa go iletsa metsamao ya gagwe, Winnie Mandela o tsweletse go nna matlhagatlhaga mo kgaratlhong kgatlhanong le kgethololo ya semorafe. Ka 1969 o ne a tshwarwa ka fa tlase ga Karolo 6 ya Molao wa Borukhutlhi e e neng e supe gore mongwe le mongwe a ka tshwariwa kwa ntle le lekwalo mme o ka nna wa tshwarwa ka bosakhutleng kwa ntle ga thuso ya semolao fa ba ne ba belaelwa ba kotsi mo go molao le tolamo.
Fa a ne a tlhatlhetswe Winnie o ne a bewa a tlhaoletswe a le nosi dikgwedi tse 18, malatsi a 200 a ntlha e ne e le kwa ntle ga go golagana le batho ba bangwe bape kwa ntle le setlhopha se se batlisisa seo se neng se mo tlhokofatsa se sa kgaotse. Sele ya gagwe e ne e na le dikobo di le tharo, tse di sesane tse di nang le ditshitshiri le dipatso tsa moroto; botlolo ya metsi ya polasetiki; lebekere le kgamelo ya leswe kwa ntle ga letshwaro. Tloloupu e eneng e tswelela go tuka fa godimo ga gagwe, e mo tsietsa ka kgopolo nngwe le nngwe ya bosigo kgotsa letsatsi.
Tshotlako ka fa tlase ga mabaka a e ne e le setlhogo se se itsegeng sentle. Winnie o ne a thibetswe go robala malatsi a le matlhano a fa babatlisisi ba ne ba mo gatelela go bona tshedimosetso. Kwa bofelong mogolegwa mongwe o ne a tlisiwa mme o ne a lebelela fa ba mo tlhokofatsa. Babatlisisi ba ne ba mo bolelela gore kgano ya gagwe e ne e le motlhodi botlhoko jwa gagwe le botlhokofadiwa ba bagolegwa ba bangwe

Go sa Kgone go Lekanyetsa

©Eric Miller
Morago ga go itshokela tshotlako ya malatsi a le mmalwa le ya tshotlako ya mogolegwa mongwe, Winnie kwa bofelong o ne a inela, a tshepisa babatlisisi go araba dipotso. Tsheko ya gagwe e simolotse ka Sedimonthole wa 1969 mme a feleletsa a golotswe kwa ntle ga go bonwa molato. Taelo e ntšhwa ya kiletso e ne ya neelwa mo go ene. Eno e ne e na le dithibelo tse di ntsi go feta tota e e fetileng. O ne a sa dumelelwa go tswa mo ntlong ya gagwe fa gare ga 6 mo mesong le 6 thapama.
Winnie o ne a etela rraagwe kwa Transkei pele ga kiletso e tsena mo tirisong. Go tloga ka nako e e fetileng ba ne ba buile le rraagwe o ne a swabisitswe ke tsamaiso ya dipusomagae e e tlisitsweng ke puso ya tlhaolele. Fa taelo ya kiletso e ntse e le mo tirisong gape o ne a etela monna wa gagwe, Nelson Mandela, kwa Setlhakatlhakeng sa Robben. Maemo a ketelo a ne a agamisiwa mme o ne a se kgone go bua ka kgololosego e monna wa gagwe, Winnie o tsamaile a sa kgotsofala.
Kwa morago kwa gae o nbe a sa kgone go nyalantsha. Sepodisi se ne sa tsweletsa diphuruphutsho mme le ntlo ya gagwe e ne e thubiwa ka thulaganyo, go utswa kgotsa go bomiwe. Kwa ntle ga tsotlhe tse Winnie a di kgotleletseng go fitlha mo nakong e, tsholofelo ya gagwe mo tseleng e nnile e e maatla thata mme a tswelela go isa pele molaetsa wa gore o ne a ka se tshosetswe.

O Dirisitswe jaaka Pega Molato

©Eric Miller
Winnie o ne a tshwarwa gape ka 1973 ka ntlha ya gore o kopane le motho mongwe yo o neng a ileditswe, motsayaditshwantsho Peter Magubane.
Katlholo ya gagwe e e neng e le kgwedi di le somepedi o ne a e tsweletsa kwa kgolegelong ya basadi ya kwa Kroonstad, mme a e fitlhela e le botlhofonyana mme o ne a gololwa mo dikgweding di le thataro kwa pele. Fa kiletso ya gagwe e fedile ka 1975 e ne e sa ntšhwafadiwa.
O ne a ya go nna le seabe se se mo boteng thata kwa dikhuduegong tsa Baithut ba kwa Soweto ka 1976. O ne a thusa go tlhama Mokgatlho wa Batsadi kwa Soweto mme a tlamela bao ba neng ba tshwerwe le go gobala mo dikhuduegong tsa baithuti.
Le fa fela Winnie a dirile jaaka tiro ya go tshegetsa kwa dikhuduegong, puso e mo dirisitse jaaka pega molato. O ne a tshwarwa mme a tswalelwa dikgwedi tse tlhano pele a dira taelo ya kiletso ya gagwe e nngwe ka 1977.

A Kobelwa ka Pateletso kwa Brandfort

1977 e ne e le ngwaga o mongwe o Winnie Mandela a neng a kobiwa ka pateletso go ya toropong e e lorole ya Brandfort kwa Foreisetata. E ne e le fao mo a tla patelesegang go nna mo dingwageng tse robedi tse di tlang. Batlhankedi ba puso ba boleletse baagisani ba kwa Brandfort gore Winnie o ne a le kotsi mme ba tshwanetse go mo tila ka gotlhe gotlhe.
Le fa go le jalo, Winnie o ne a dira ka natla mo kgaratlhong ya gagwe mme a kgona go lema baagi go mo dikologa. Fa a sa ntse a le kwa Brandfort o ne a simolola boapeelo ba sopo, go tla mmogo ya ditshingwana tsa selegae, uniti e e tsamayang ya boitekanelo, senthara ya tlhokomelo ya motshegare, setlhopha sa go roka le mokgatlho wa dikhutsana le bašwa ba diganana.

Translated by Lawrence Ndou