Winnie Mandela - Tshimologo ya Botshelo

O Belegetswe kwa Transkei

©Eric Miller
Ka di 26 Lwetse 1936, Nomzamo Winifred Zanyiwe Madikizela o ne a belegwe kwa Motseng wa Bizana kwa se se neng se bidiwa Transkei (Kapa Botlhaba). Mmaagwe’ Nomathamsanqa Mzaidume (Gertrude), o ne a ruta saense ya kwa gae mme rraagwe, Columbus Kokani, e ne e le Tona ya Lefapha la Temothuo le Dikgwa kwa Transkei. Winnie e ne e le wa bone mo baneng ba le robedi.
Mmagwe Winnie o tlhokafetse ka 1944, fa Winnie a ne a le dingwaga di le robedi fela. Le gale, Winnie o ne e sa ntse a kgona go tsena sekolo se se kwa tlase kwa Bizana mme a tswelela go fetsa sekolo sa gagwe se se kwa godimo. Go farologana bana bangwe ba le bantsi ba bantsho mo Aforika Borwa ka nako eo, Winnie o ne a kgontshwa thuto e e eletsegang.
Molao wa Thuto ya Bantsho o o neng wa ganetswa ka bophara o ne wa tsenngwa tirisong ka 1953 fa a ne a setse a le mogolwane. O ne a falola mophato wa marematlou kwa Shawsbury kwa Qunu fa a ithutileng bokgoni jwa boeteledipele. O boetse gae go fitlhela rraagwe a nyetse gape Hilda Nophikela yo o neng a mo amogela le bonnakage ka mofuthu.

Tiro ya Winnie ya Tirelaloago

©Dr Peter Magubane
Ka fa tlase ga bogakolodi ba ga rraagwe, Winnie o tlogile kwa Transkei a leba kwa Johannesburg ka 1953 go tsweletsa dithuto tsa tirelaloago. Fano o tsene sekolo sa Tiro ya Loago sa Jan Hofmeyr. Ka 1955 o weditse a le kwa godimo ga mophato wa gagwe mme o ne a neelwa sekolašipi sa go tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa USA. O ne a gana, mo boemong jwa seo a tlhopha go dira tiro ya loago mo nageng ya gagwe.
Winnie o ne e a amogela phatlhatiro ya loago ba bongaka kwa Bookelong jwa Baragwanath kwa Johannesburg, mme a nna motho yo montsho yo o ruteegileng wa ntlha go tlatsa phatlhatiro eo. O ne a ya go itirela leina kwa bookelong, a tlhagelelela mo dikwadikgang tseo di neng di bolelela kgang ya gagwe ya go simolola ka boikokobetso le katlego ya tiro ya gagwe.

Go Kopano le Nelson Mandela

©Eric Miller
Winnie o ne a nna le kgatlhego mo dipolotiking tsa bosetšhaba le kgaratlho fa a ntse a dira kwa Bookelong jwa Baragwanath, ka a ne a iponela lwa ntlha botlhoki jo bo tseneletseng ba batho ba ba mo metsesetoropong ba ba neng ba tshela mo go bona. Patlisiso ya gagwe ka ga dintsho tsa masea kwa Motsesetoropong wa Alexandra, e ne e le 10 mo pelegong nngwe le nngwe ya tse 100 tse di neng di direga, seno se dirile gore Winnie a nne le temogo e e masisi ka ga ditlhoka bosiamisi mo Aforika Borwa. Winnie o batlile ditsela tsa go fetola ditlhoka bosiamisi tseno mme o tsene mo dipolotiking le fa tota pele a kopano le monna wa gagwe wa isago le mokgaratlhi wa sepolotiki o o tumileng, Nelson Mandela.
Fa a ntse a le kwa Bookelong ba Baragwanath, Winnie o ne a abelana borobalo le Adelaide Tshukudu kwa go hosetele nngwe ya bookelo jwa badiri. Bobedi ba nnile ditsala e le tota. Jaaka ditsala di dira, gantsi ba ne ba tlotla go fitlha bosigong gare, mme Adelaide o boleletse Winnie tsotlhe ka ga mmueledi (moporesidente wa maloba wa ANC Oliver Tambo) yo a neng a beeleditse Adelaide, le molekane wa gagwe wa semolao, Nelson Mandela.
Winnie le Nelson ba ne ba intsha lwa ntlha, go ya kwa resetšhuranta ya Maintia gaufi le dikantoro tsa gagwe tsa feme ya molao. O ne a le dingwaga di le 16 go mo feta mme a setse e le setshwantsho se se botlhokwa mo dipolotiking tsa bosetšhaba mmogo le mokgaratlhi kgatlhanong le tlhaolele. Winnie o ne a sa tshoga kgotsa go kgoreletswa ke mme ka 1957, fa a kopa go nyala le ene, o rile, ee. Ba ne ba nyalane ka Seetebosigo ka 1958.

Translated by Lawrence Ndou