White-Tailed Mongoose
Moselamotlhaka

© Roger de la Harpe

Leina

Moselamotlhaka [Ichneumia albicauda]

Tebego

Ga gona pharologano ya mmele go bong ka bobedi, mme bo tshwana ka selebego. Boleele jwa mmele ke 1.1m fa bokete e le 4.3kg. Bobowa bo bosetlha jo bontshonyana, megatla e a bonala ka meritshana e meleele e mesweu. Maoto a mantsho, fa dirwe tsa ko pele di lebega di le khutshwane.

Phepo

Phepo ya moselamotlhaka ka bontsi ke ditshenyekegi, motlhwa, dikhukhwane, ditsie le dinyetse. E ja gape le bo-digwagwane, bo-magotlo le dinoga.

Tsadiso

E tlhatsa ngwana a le nosi go ya gole ba bararo ka nako morago ga go dusa dikgwedi di le pedi. Tsadisano e diragala ka bo Ngwanatsele, fa tsalo gantsi e le ka dikgwedi tsa selemo.

Maitshwaro

Moselamotlhaka ke mophela-nosi, le fa o a tle o phele ka setlhotshwana.

Tulo

Moselamotlhaka o dula mo dikgweng tse di nang le metsi a mantsi.

Di Fitlhelwa Kae

Kanamo ya ona mo Afrika Borwa e tloga kwa dikarolong tse di kwa botlhaba jwa Profense ya Bokone, go tsenelela ka Mpumalanga go ya kgakala kwa borwa jo bo lebileng East London.

Dintlha Tlhagiso

Ke nngwe ya Tshagane e e sa itsiweng thata, se se katswa se bakiwa ke gore e phela ka mafifi. Mme fela di modumo thata jaaka di bogola, modumo wa tsona o utlwala segolo bogolo fa e le nako ya tsadisano. Di ntsha metsi a monkgo o o sebodu gotswa mo kgelesweng fa di tshogile kana di le mo kotsing e le go itshireletsa.