Waterbuck

© Roger de la Harpe

Leina

Waterbuck

Ponalo

E ke ngwe ya diphala tse ditona mo nageng. Poo ya yone e boleele ba 1.4m ka bokete jwa 260kg. E namagadi e nywe mogo yone.
Letlalo la yone le mmala wa ntlhwa ka botsetlha. Matlho le nko ya tsone di na le letshwa le bosweu. Go na le kholloro e tshweu ka fa tlase ga kgokgotso. Marago a na le kgolokwe a tshweu e e bonwang mo go tsone fela. O tla bona ditsebe tse di tona tse di bo-kgolokwe.
Ke poo fela e e nang le manaka a maleele a a kobegetseng kwa pele. E tona le e namagadi di ntsha mongko, o o seng maswe, o o tla o utlwang kwa mafelong a tsone a boiketlo.

Dijo

Phologolo e e ya Fula. E ikantse metsi mme e ka nwa metsi malatsi otlhe.

Tsalo

Nako ya tsalo a goroga ka mariga. Morago ga go ima dikgwedi dile 9 e tla tsala namane ele esi. makgetlho mangwe di kaa nna pedi.
Dibeke dile mmalwa dinamane tse di iphitlha mo metlhareng le mo ditlhageng tse ditelele pele di ka golaganya le motlhape ka go sala mmabone morago.

Mekgwa

Di phala tse di phela mmogo. Dipoo ditlhokomela mafelo a tsone mme ba difemela seemomo sa tsone le ka go lwana. Dinamane, Tse di namagadi le makgwatlha a sala le letsomane mme baikopanya ka ditlhopha tseo.
Dikgona go thuma mme fa di ka tsenelwa ke manaba di ka tshabela mo metsing a a boteng. Letsomane le ka nna le diphologolo dile 30 ka setlhopha.

Bonno

Di rata go nna fa thoko ga metsi a mantsi, fa go nang le dijalo le merogo le ditlhaga tse di teletsana. Di ka tshenella sekgwa le kwa di-floodplains ka makgetlho a mangwe.

Predators

Phiri, tau, lengau, kwena le dinjwa tsa naga di tso phologolo e.

Di Ka Bonwa Kwa Kae

Mo Afrika Borwa di ka bonwa kwa Mpumalanga, Northern Province le bokone b KwaZulu-Natal. Di ntse di isiwa kwa mafelong a bo St Lucia le Ithala game reserves kwa KwaZulu-Natal.

Vital Statistics

Latin Name: Kobus ellipsiprymnus
Bokete (Mosadi): 205 - 250 kg
Bokete (Monna): 250 - 270 kg
Botelle (Mosadi): 210 cm
Botelle (Monna): 210 cm
Gestation Period: 9 months
No of Young: 1 calf
Order: Artiodactyla
Family: Bovidae
Horns: 75 cm

Motlhala wa Yone

Motlhala wa phologolo e o ya ka gore a ke a tona kgotsa e namagadi, le gore e kanakang. E mengwe e sephara fa e mengwe e le mesesane.