Vredefort ka Ngwagakgolo wa 20

© David Fleminger

Kgaolo ya Vredefort

Morago ga Ntwa ya Maburu le Maesimane e khutlile, ikonomi ya kgaolo ya Vredefort e nne e senyegile. Balemirui ba le bantsi ba ne ba boela kwa masimonbg a a ntshofaditsweng mme makgolokgolo a badiri ba basweu ba polase (Batseni) ba ne ba humanegile. Ka maiteko a go rotloetsa masego a kgaolo, puso e simolotse dithulaganyo tse di mmalwa tsa go dira le mafaratlhatlha a n a baakanywa ka badiredi ba selegae.
Borogo mo godimo ga Noka ya Lekwa kwa Parys e ne ya agiwa ka 1915. Diporo di ne tsa atolosiwa. Ditsela di ne tsa tokafadiwa. Madirelo e ne a agiwa. Maano a go nosetsa e ne a agiwa (jaaka Letamo la Lekwa Khutlotharo le Barrage). Ka bonya, maemo a nnile a a botoka le kgwebo ya temothuo ya simolola go gola. Gompieno, Parys ke pinagare ya boagi jwa bolemirui, ye e uma mmidi, motsoko, disonobolomo, manoko le dikgomo. Bojanala ke se sengwe se se botlhokwa se se tlisang madi ka bonako mo kgaolong.

Matshosetsi a Tlhaolele

Ngwagakgolo ya 20 gape e tlisitse matshosetsi a tlhaolele, mme badiri ba polase ba bantsho ba ne ba se na nako e e iketlileng. Tota kgang e e botlhoko e akaretsa batho ba Machaviestad, gaufi le Potchefstroom.
Baagi ba Machaviestad (karolo ya morafe wa Barolong) ba ne ba nna koo go tloga ka bo1840, fa Andries Potgieter ‘a ba naya’ lefatshe, jaaka tlhagiso ya gagwe ya go ba lebogela tshegetso ya bona mo ntweng kgatlhanong le Matebele. Ka bo1920, le fa go ntse jalo, balemirui ba basweu ba ne ba gola go sa itumelele ka go oketsega ga palo ya batho ba bantsho mo kgorong ya bona mme maiteko a mmalwa a ne a dirwa gore ba fudusiwe. Barolong, le fa go ntse jalo, ba ne ba gagamala mme ba gana go tloga.

Go Tloswa ka Dikgoka

Kwa bokhutlong, ka 1971, puso le Khansele ya Toropo ya Potch ba ne ba nna thata mme ba tshosetsa ka go dira gore tlosiwe ka dikgoka. Barolong ba ne ba ineela mme ba tsamaisiwa go ya Rooigrond, gaufi le Mafikeng, mo nagalegaeng ya Bophuthatswana. Mo dingwageng di le 30 tse di latelang, ba lwele go busetswa lefatshe la bona kwa Machaviestad, mme go ne go sa thuse sepe.
Ka boitumelo, morago ga ditlhopho tsa temokerasi tsa 1994, mmuso o mošwa o ne wa tsena mo nageng mme kgang ya Machaviestad e ne ya tlhagiswa gape. Mo nakong eno, go ne ga dumalanwa gore khansele e ka reka lefatshe go tswa mo go beng ba lona ba gajaana (basweu) mme la busediwa kwa go Barolong. Ka di 28 tsa Moranang 1995, tota e le ngwaga o le mongwe morago ga ditlhopho, malapa a 110 a ntlha a boetse kwa Machaviestad.

Translated by Lawrence Ndou