Tlhaloso ya Metswako ya Monontsha

©Eric Miller
Menontsha ke dire tse eleng ditswatsheding le gotswa mo dilong tsa tlhagô tse di kileng tsa tshela kgotsa ke seitirelwa sa khemikhale sa dikotla tse kgolo le tse di nnye. Tseno di tshelwa ele ditlhaka kgotsa jaaka dieledi mo mmung. Dikotla gape di ka gaswa mo matlhareng a dijalo go tsosolosa kgolô le go tlaleletsa dikotla mo sejalong.
Dikotla tse kgolo tse tharo tse di diriswang ke sejalo ke Nitrogen (N), Phosphorous (P) le Potassium (K). Fa o sweetsa gore ke monontsha ofe o o tlileng go o dirisa, tseno ke dikotlakgolo tse di tlileng go supiwa mo dipholông tsa tshekatsheko ya disampole tsa mmu wa gago. Menontsha e tlhangwa go dira metswako e e farologaneng ya dikotlakgolo tseno tse tharo, mme e supiwa ka dinomore di le tharo tse di tshwaiwang mo dikgetsaneng tsa monontsha, go kaya sebopego sa NPK sa monontsha le selekanyetso sa bontsi jwa tsona mo motswakong. Sekai: 2:3:4 (27) kgotsa 1:0:1 (36) e tlile go nna bontsi jwa NPK.

Tlhaloso ya NPK

Matshwaô a NPK mo monontsheng a tlhalosa di-percentage tsa nngwe le nngwe ya dikotla tseno jaaka dilekanyetso tse di amanang magareng ga tsona. Nomore e e fa morago ga dilekanyetso e e mo masakaneng (sekai, 27) ke percentage ya motswako ka kakaretso e e emetseng fela dikotlakgolo di le tharo, eleng N, P le K.
Ka jalo, mo kgetseng ya 100 kg ya 2:3:4 (27):
(27) e kaya gore 27% ya kgetse kgotsa 27 kilograms e emetse palogotlhe ya N, P le K tse tala.
Selekanyetso se bopiwa ke dikarolwana di le 9 ka go tlhakanya 2+3+4, mme fa o aroganya 9 mo go 27, karolwana nngwe le nngwe ya selekanyetso e emetse 3.
Ka jalo:
2 fa e oketswa ka 3 ke 6% Nitrogen (N) kgotsa 6 kilograms.
3 ka jalo ke 9% Phosohorus (P) kgotsa 9 Kilograms
4 ka jalo ke 12% Potassium (K) kgotsa 12 kilograms
73 kilograms e nngwe ya 100 kilograms ya monontsha e bopwa ke dielemente tse di tlaleletsang tse di dirang gore go nne bonolo go tshwara monontsha, dielemente tsa ditshwari tse di dirang gore N, P le K di fitlhelelwe bonolo ke medi ya sejalo mo mmung, mmogo le dielemente tsa tatediso tse dingwe jaaka Copper, Zinc, Boron, Manganese le Magnesium, tse di ka diriswang ke sejalo.

Translated by Nchema Rapoo