Steenbok

© Roger de la Harpe

Leina

Steenbok [Raphicerus campestris]

Ponalo

Ka mmala wa Ntlhwa le ditsebe tse ditelele tse di siyang tlhogo. E meta boleele ba 520 mm kwa magetleng ka bokete jwa 11kg, ka kobo e tshweu ka fa mpeng.Ke ya Pheleu fela e nang le manaka a a tlagellang mo godimo ga matlho. Mo tlase ga matlho yone go na le dikgekgele(glands) ka bontsho. Dikgekgele tse di ka bonwa go di-sex dile pedi.

Dijo

Phala e e fula fela. E kgetha go ja di-forbs. E boikgethelo thata mme e rata dijo tse ditala jaaka ditlhare, dithunya, maungo jalo le jalo. E kgona go nna nako e telele e sa tlhoke metsi ka lebaka la dijo tse a dijang tse di nang le metsi a mantsi jaaka dikutu le di-forbs ka go diepa mo mmung. Nako engwe e ka epa go tsena ka magetla go e dibone.

Tsalo

Ga go ise go itsewe sentle gore phologolo e tsala ka selemo se feng, mme bintsi bo tsala ngwaga yotlhe. Di ima dikgwedi dile supa mme morago e tsale namane ele esi. Namane e e tla fitlhiwa dikgwedi dile 3-4 tsa ntlha.
Mo nakong eo Mma yone o tla goroga go e bona mo mesong wa makuku le maitsibowa go tla go e fepa. Mma yone o ja mantle a ngwana wa yone mme o nwa le moroto wa yone fa a e etetse gore lefelo leo le nne phepa mme le seka la ntsha monkgo o o ka bitsang diphologolo tse dingwe gaufi.

Mekgwa

Pheleu le e namagadi di sireletsa mafelo a tsone mme dinna mmogo fao. Gantsi di nna ba bonosi koo. Pheleu a tshwaya mafelo a tsone ka moroto wa yone, mathe a kgwang ka kgekgele e e fa tlase ga seledu sa yone le thokolo (dung) ya yone.
Ke tsone fela diphala tse di itsiweng ka go fata mmu fa di fetsa do rota kgotsa go go tsholola mantle a yone. Tse di tona di itsege ka go dirisa mogala wa telephone jaaka molelwane. Ditsebe tsa tsone dibogale ele tota. Ka dinako dingwe di ka bonwa dija nama e ya setoto(carcasses), le go bolaya bana ba nonyane tsa lefatshe fa di ka bona leshekere.

Bonno

E nna kwa mafelong a a bulegile mo nageng kwa di tshepileng boiphitlo jwa ditlhaga tse di telele le letlhaku le lentsi. Ga dinke di bonwa kwa sekgweng, dithabeng, le kwa mafelong mafika. Ka dinako tse dingwe ke ka bona botshabelo jwa mesimeng ya di-ant bear, mme di e dirisetse go tsala bana ba yone.

Kwa di ka bonwang kwa teng

Ke ngwe ya diphala tse di bonwang ka bontsi mo Afrika Borwa. Phantlha/Phatlhallo ya tsone e naga ka bophara.

Predators

Lengau, Caracal, Njwa e tlhaga, Cheetah, Phiri, Python and the Ntswi.

Vital Statistics

Bokete (Mosadi): 11 - 13 kg
Bokete (Monna): 9 - 13 kg
Boleele (Mosadi): 90 cm
Boleele (Monna): 90 cm
Nako ya go ima: 6 months
Nomore ya Bana: 1 lamb
Boitekanelo ba thobalano: 6 months
Bokete ka Tsalo: 1 kg
Latalano: Artiodactyla
Lelapa: Bovidae
Manaka: 13 cm (record - 19 cm)
Tsalo: 1 (Nako e ngwe 2) bana ba ka tsalwa nako engwe le e ngwe mo ngwageng. (Gantsi Ka Ngwanatsele-Desimonthule) morago ga dikgwedi dile ±6 tsa go ima.

Spoor Description

Motlhala wa yone a batlile o tshwana fela le wa Oribi. Fa dinao tsa yone dil bophara nyana mme di supa kwa pele mme di dikgolwana mo go tsa Oribi.