Spotted Hyena
Phiri e Setsubaba

© Roger de la Harpe

Leina

Phiri e Setsubaba [Crocuta crocuta]

Ponalo

Ele Scavenger fela mme ga go nna jalo. Gompino go dumelwa fa phologolo e ele motsumi oo atlegileng. Mokwatla wa yone oo bopameng, motsawo wa yone oo kgwetlhang le modumo wa yone oo tsitsibosang mmele di file phologolo e leina le le maswe mo bathong. Go ne go dumelwa fa ele ngwe la leloko la mefuta ya dinjwa mme gone jaanong go dumelwa fa phiri e le mongwe wa leloko la mophato wa dikatse ka lebaka la sebopego sa yone.

E itsege thata ka modumo wa setshego sa yone se se itlwala thata kwa sekgweng masigo. Botona ba tlhogo ya yone, sebopego sa mokwatla wa yone le dinko tsa yone tse dibogale di itsege fela mo diphologolong tse. Tse dinamagadi ke tsone di renang mo lekokong la diphologolo tse di dikgolwane ka mmele mogo tse ditona. E e namagadi e ka nna 850mm ka boleele kwa magetleng ka bokete jwa 70kg, ga e e tona e ka nna 60kg ka bokete.

Phiri e tshetlha ka mmala, ka ditsubaba tse dintsho le ditsebe tse di kgolokwe. Ga go bonolo go farologana magareng ga e tona le e namagadi ka Genital tsa tsone dibatlile ditshwana.

Vital Statistics

Leina la seLatini: Crocuta crocuta
Bokete (Mosadi): 56 - 80 kg
Bokete (Monna): 46 - 79 kg
Boleele (Mosadi): 1,5 m
Boleele (Monna): 1,5 m
Lobaka la go ima: 3,5 months
No of Young: 2 (1 - 4)
Sexual Maturity: 2 - 3 years
Bokete ka Tsalo: 1,5 kg
Order: Carnivora
Lelapa: Hyaenidae
Lebelo: 60 km/h

Dijo

Baitsanape bangwe ka ngangisa ka gore Phiri e Setsubaba ya Afrika Borwa ke motsumi oo atlegileng go feta diphologlo tse dingwe tse dijang nama. Go ne go dumelwa fa e le legatlapa mme dipatlisiso tse di tseeletseng tsa sesheng dibontsha fa e le motsumi oo matla mme oo atlegileng.

E ka ikgethela go ja dotopo tsa diphologolo tse dingwe, ebile lekoko la tsone le kgona go tsela ditau polao ya tsone ga di batla ka go di tshosetsa mme di disuthele. Lekoko la tsone ke batsumi ba ba masisi mme dikgona iphepa sentle fela. Ditsoma diphologolo tse dingwe ga mmogo le bana ba tsone e bile di ja le nama e e bodileng.

Di kgona go tsoma setlhabelo sa tsone ka lebelo la 60km/h lobaka la dikilomitara dile tharo. Lekoko la diphiri le kgona go feketsa diphologolo tse dikotsi jaaka Rapier-Horned Gemsbok le Phofu.

Tsalo

Di ka tsala ka nako engwe le engwe mo ngwageng. E namagadi e ka ima lobaka la dikgwedi dile 3-4, mme fa e tsala e ka tsala bana ba le babedi. Bana ba yone ba ka tsalwa ka bokete ba 3lb(3 pounds). Bana ba yone ba ka kwesiwa fela kwa morago ga dikgwedi dile 12 go ya go 16. Mo nakong eyo ga di tlhoke go ja dijo tse di tiileng ka maswi a di a anyang a disiametse ele tota.

Di-cubs tse di digodisetswa mo mesimeng ya tsone mme ga se gantsi o tla difitlhela di elamiwa ke ba leloko la morafe wa tsone. Tse ditona ga di tshameke karolo epe mo kgodisong ya bana ba yone, mme ga s tse dintse tse di letlelwang gaufi le mesima e bana bagodisetswang mogo yone ka gore tse dinamagadi di ba kgerisa. Morena wa tse ditona ke yone gantsi e tsala bana ba lekoko.

Mekgwa

Phologolo e a matlhagatlha bosigo, fa motshegae e kanama mo metlhakeng le mo mesime e e tlogetsweng ke di Aardvark. Phiri diphela ka makoko mme difemela ditikologo tsa tsone kgatlanong le makoko a mangwe. Gantsi makoko a thubega mme ditlhame makoko a mangwe le tse dingwe tsa maloko a lekoko la pele ga mmogo le maloko a makoko a mangwe.

Motlhala wa Yone

E na le menwana e le mene kwa maotong a yone a kwa pele le kwa morago. Fa e na le dinala tse di khutswane tse dibonalang. Letshwao la maoto a kwa pele le bonala ka botona mo go la maoto a kwa morago. Phiri ya mogolo e kgolwane mo go Phiri e ntlhwa ya mogolo.

Di Ka Bonwa Kwa Kae

Di ikgethela go nna kwa mafelong a komelelo, a a atileng jaaka di-open plains le kwa dikakeng tse dingwe. Di setse dinyeletse kwa mafelo a mantsi mo Afrika Borwa mme tse dileng teng di ka bonwa kwa bo di-savannah tse di kwa bogareng, jaaka skukuza kwa Kruger Park, Kalahari Gemsbok National Park, Northern Province le dikarolo dingwe tsa bokone ba KwaZulu-Natal.