Robben Island e Itsagetse Boditšhabatšhaba

E Fela Mo Bokgakaleng jwa Mosepele wa Sekepe

©Roger de la Harpe
Loeto lwa semmuso le tsaya sebaka sa diura di le tharo go ya go di le nne, go akaretsa mosepele wa sekepe. O tlile go nna le dikamano le mogolegwa wa maloba, o tsenele loeto ka bese lo lo go isang kwa ntlong e Robert Sobukwe (moeteledipele wa PAC) a neng a golegetswe mo go yona, mosima wa matlapa, maitshereletso a Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe le kgolegelo ya tshireletso e e kwa godimo. Etela ntlwana-fitshwana ya ga Nelson Mandela, fela gape kalakatlêga mo sekgweng, e ya kwa lôbôpong lwa bophirima le metlhape ya lona ya diphinkwini le mabewo a ditlhobolo tsa Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe.

Sekanô sa Kgololosego le go Ikgolola

©Roger de la Harpe
Mo dingwageng tse di ka nnang 400, Robben Island, e e bokgakala jwa 12 kilometers gotswa Cape Town, e ne ele lefelo la kgolego le telekelô. Ke fano fao ba ba neng ba kaiwa jaaka batsosamerusi ba sepolotiki le magogela-thoko mo setšhabeng ba neng ba iswa teng. Ka dingwaga tsa tlhaolele Robben Island e ne ya itsagale boditšhabatšhaba jaaka lefelo le Nelson Mandela le batlotlegi ba African National Congress ba neng ba golegetswe teng.
Fela, bagolegwa ba sepolotiki ba le bantsi ba ne ba atlega mo go fetoleleng lefelo leno go nna sekanô sa kgololosego le go ikgolola. Robben Island e ne ya nna sesupo sa phenyo ya mowa wa botho kgatlhanong le tshotlegô le matsapa.

Translated by Nchema Rapoo