Matshwao a Malwetse mo Dipoding

©Alan R Walker
Maso a mantsi a diphologolo a ka thibelwa ka temogo ya go sale gale ya matshwao a malwetse. Go botlhokwa gore o eletlhoko leruo la gago tsatsi le tsatsi. Lebelela diphologolo tse di ka fa tlase ga kgatelelô, tse di patlameng, tse di ingwayang, tse di sa jeng kgotsa di sa nweng kgotsa tse di itshwereng ka mokgwa o o sa tlwaelegang jaaka go thudisa ditlhogo tsa tsong kgotsa go ragaka maoto. Ka go dira jalo, o tlile go lemoga malwetse ka matshwao a a bontshwang.
Malwetse mangwe a thata go ka supiwa ka ntlha ya gore bontsi jwa ona bo na le matswao ale mangwe. Malwetse a ka bakwa ke bacteria, megare, metlhampepe le diphetodi tse dingwe tse di sa tswaetsaneng. Matshwao a malwetse a a kwadileng a ka thusa mo go lemogeng bolwetse mo legatong la go sale gale. Fa o belaela bothata jo bo masisi ka podi ya gago, go mosola go ka golagana le ngaka ya gago ya diphologolo.

Matshwao a a Tlwaelegileng le Malwetse a a Ka Tswang ele a Ona

Mokgwa wa go ema o o sa tlwaelegang:
Caprine Arthritis Encephalitis (CAE),
Khemo e e sa tlwaelegang:
Acidosis, Nitrate/nitrite Poisoning, Tuberculosis (M. tuberculosis), Verminous Pneumonia (Dictyocaulus filaria), Anthrax, Caprine Pleuropneumonia e e tshelanang, Melioidosis, Allergies/go longwa ke ditshenekegi, Bloat, Heartwater
Mašwi a a sa Tlwaelegang:
Mastitis, Caprine Arthritis Encephalitis (CAE), Enterotoxemia
Go tlhofofala ga madi:
Coccidiosis, Barber pole worm, Blood Parasite –(Anaplasmosis), Dinta, Matsetse kgotsa Dikgofa, Caseous lymphadenitis, Tuberculosis (M. tuberculosis), Tlhaelô ya Copper, Babesiosis (Red Water), Flukes kgotsa Flatworms (Motlhampepe wa ka fa gare), Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng, Trypanosomiasis
Anorexia:
Caseous lymphadenitis, Listeriosis, Mastitis, Pregnancy toxemia (ketosis), Urolithiasis (Water belly/cystitis), Pneumonia, Caprine Pleuropneumonia e e tshelang
Monkgo o o Bosula:
Pôlô ya leoto, Coccidiosis
Bofofu:
Enterotoxemia, Coccidiosis (Motlhampepe wa ka fa gare), Polioencephalomalacia
Bloat:
Acidosis, Urea poisoning
Madi mo Mašwing:
Mastitis
Madi mo Morotong:
Urolithiasis (Water Belly/cystitis), Babesiosis (metsi a mahibidu)
Tatlhegelo ya madi;
Dinta, Dibokokgolokwe tsa Mpa le Mateng
Letshololo le le Madi:
Anthrax, Enterotoxemia, Coccidiosis (motlhampepe wa ka fa gare), Bolwetse jwa Dinku jwa Nairobi
Bottle Jaw:
Fluke ya Sebete, (Barber pole worm), Parasitic gastroenteritis, Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng
Komelelo ya mala:
Mphê, Milk Letshoroma la Mašwi
Circular Lesions (sefatllhego, legetla, molala, matlho):
(fungus)
Kgotlholo kgotsa Ithimolo:
Tuberculosis (M. tuberculosis), Verminous Pneumonia (Dictyocaulus filaria), Pneumonia, Caprine Pleuropneumonia e e tshelanang, Melioidosis
Go Lela Ga Ka Gale:
Bloat
Dandruff on the Skin:
Mange (Sarcoptes, Demodatic and Psoroptes)
Tatlhegelo-metsi:
Coccidiosis, Acidosis, Barber pole worm, Peste Des Petits Ruminants
Kgatelelô-Maikutlo:
Listeriosis, Mastitis, Pregnancy toxemia (ketosis), Urolithiasis (Water Belly/cystitis), Encephalomalacia (PEM) /Polioencephalomalacia (PEM), Rabies, Pneumonia, Anthrax, Colibacillosis (Scours), Johne’s Disease, Melioidosis, Milk Fever, Enterotoxemia, Babesiosis (red water), Heartwater
Letshololo:
Enterotoxemia, Coccidiosis, Chlamydial Abortion, Johne’s Disease (M. Paratuberculosis), Liver Fluke, (Barber pole worm)-Parasitic gastroenteritis, Mphê, Brucellosis, Acidosis, Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng, Peste Des Petits Ruminants
Gotswa Metsi Mo Leitlhong (Ocular discharge):
Pinkeye, Verminous pneumonia (Dictyocaulus filaria), Agalactia e e tshelanang
Seidiidi:
Sebolatshenekegi (Aldrin, Endrin Chlordane le Dieldrin)
Ditsebe tse di lepeletseng:
Listeriosis
Dikarolwana tse di Omeletseng mo Letlalong:
Bolwetse jwa Fungi (Ringworm), Mange
Gotswa Mathe Thata;
Listeriosis, Allergies/Go longwa ke ditshenekegi, Molago
Letshoromo:
Caseous lymphadenitis, Mastitis, Coccidiosis, Goat Pox, Hemorrhagic Septicaemia (P. multocida), Tuberculosis (M. tuberculosis), Pneumonia, Anthrax, Agalactia e e tshelanang, Caprine Pleuropneumonia e e tshelanang, Listeriosis, Melioidosis, Babesiosis (Metsi a Mahibidu), Heartwater, Foot and Mouth Disease (FMD), Nairobi Sheep Disease
Lefulo (Gotswa lefulo ka molomo):
Rabies, Bloat, Caprine Pleuropneumonia e e tshelanang
Go Gerinya Meno:
Coccidiosis
Tatlhegelo ya Moriri:
Mange (Sarcoptes, Demodatic and Psoroptes), Ringworm (Fungus)
Go gatelela Tlhogo:
Enterotoxemia
Kgotelô mo gare ga menwana ya maoto:
Pôlô ya leoto, Ecthyma e e tshelanang
Kgotelô ya moriri:
Ringworm (Fungus)
Pabelô:
Dinta, Mange
Botswa:
Footrot, Bolwetse jwa Molomo le Tlhakwana, Brucellosis
Lethargic:
Barber pole worm, Mastitis, Acidosis, Urolithiasis (Water belly)
Go patlama/Go Retelelwa Ke Go Ema:
Grass Staggers, Toxemia ya go Dusa, Enterotoxemia
Tatlhegelo ya Keletsô-Dijo:
Coccidiosis, Anthrax, Mastitis, Rabies, Contagious Agalactia, Johne’s Disease, Listeriosis, Melioidosis, Bloat, Encephalomalacia/Polioencephalomalacia (PEM), Urolithiasis (Water belly), Heartwater, Peste Des Petits Ruminants, Goat Pox
Ntshô-Mašwi e e kwa tlase:
Barber pole worm, Footrot, Ecthyma e e tshelanang, Coccidiosis, Caseous Lymphadenitis (CL), tlhaelô ya Copper, Johne’s Disease, Streptothricosis, Bloat, (Motlhampepe wa Madi)-Anaplasmosis, Babesiosis (Red Water), Dinta, Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng, Rabies, Rift Valley Fever
Tsadiso e e kwa tlase:
(Motlhampepe wa Madi)-Anaplasmosis, Babesiosis (Red Water)
Borurugo:
Mange
Gotswa Metsi ka Dinko:
Verminous Pneumonia (Dictyocaulus filaria), Pneumonia, Caprine Pleuropneumonia e e tshelanang, Melioidosis, Nairobi Sheep Disease, Peste Des Petits Ruminants, Goat Pox
Go Tatasela:
Grass Staggers
Go Rota Go Go Botlhoko:
Urolithiasis (Water belly)
Pale Mucus Membrane:
Barber pole worm
Go swa mhama:
Listeriosis
Kgolô e e Bokoa:
Coccidiosis, Barber pole worm, Soremouth, Babesiosis (Red Water), Flukes kgotsa flatworms (metlhampepe ya ka fa gare), Dinta, dibokwanakgolokwe tsa mpa le mateng
Matlho a Mahibidu:
Pink Eye
Boboa jo bo Makgwakgwa kgotsa jo bo Timpetseng:
Coccidiosis, Baber pole worm, Liver Fluke, tlhaelô ya Copper, Johne’s Disease, Scrapie, Goat Pox
Gotswa Mathe/Mototwane:
Rabies, Encephalomalacia/ Polioencephalomalacia (PEM), Listeriosis
Scab kgotsa marophi mo molomong:
Ecthyma e e tshelanang (Soremouth), Foot and Mouth Disease (FMD), Peste Des Petits Ruminants, Goat Pox
Scabs (mo mmeleng):
Mange, Goat Pox
Go Babelwa Thata:
Mange
Marophi a mannye (mo menwaneng):
Foot and Mouth Disease (FMD)
Phatlhana ya Marago e e Botlhoko:
Anthrax
Vulva e e botlhoko:
Anthrax
Diso (Matlho):
Contagious Ecthyma (Soremouth)
Diso(Scrotum):
Ecthyma e e tshelanang (Soremouth)
Diso (Vulva):
Ecthyma e e tshelanang (Soremouth)
Diso mo.Lerameng:
Rift Valley Fever
Diso mo Lolemeng:
Rift Valley Fever\
Diso (Ditsebe):
Ecthyma e e tshelanang (Soremouth)
Go rota ka thata:
Urolithiasis (Water belly)
Swallow Belly/Hay belly:
Fluke ya sebete
Ditokololo tse di rurugileng:
Brucellosis, Contagious Agalactia, Caprine Arthritis Encephalitis Syndrome
Thurugo ya Dithala:
Brucellosis
Go Roroma:
Urea poisoning, tlhaelo ya Copper, Enterotoxemia, Scrapie
Thorugo ya Thele:
Mastitis, Agalactia e e tshelanang
Ulcerative Lesions (Ka mo gare ga Pounama-tlase/Marinini):
Peste Des Petits Ruminants
Gotswa metsi go go sa tlwaelegang mo serweng sa bosadi:
Mastitis
Go Tlhatsa:
Milk Fever
Tatlhegelo ya mmele/Go sa je:
Footrot, Caseous lymphadenitis, Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng, Johne’s Disease (M. Paratuberculosis), Tuberculosis (M. tuberculosis), tlhaelô ya Copper, Streptothricosis, Barber pole worm, Coccidiosis (Montlhampepe wa ka fa gare), Trypanosomiasis, Caprine Arthritis Encephalitis Syndrome
Diboko:
Barber pole worm, Flukes kgotsa Flatworms (metlhampepe ya ka fa gare), Dibokokgolokwe tsa Mpa le tsa Mateng, Ringworm, Mpê

Translated by Nchema Rapoo