Leungo la Drakone - Tiriso le Mesola

© Pete Birkinshaw

Maungo a magolo a dikgapetla tsa sejalo sa drakone ke leungo le le tumileng thata kwa Asia, ka kelo ye e kwa fatshe ga maungo a 5 a a kwa godimo, kwa morago ga maungo a a jaaka litšhi le banana. Gape e itsewe jaaka pitaya, e ratega ka sebopego le mmala kwa China. Maungo e a feto-fetogang a a maatla a kwa tlase, le mo phepong, di leng bonolo go obolwa mme a a gaisang go jewa a le foreše, a tsidifadiwa go le gonnyane.

Bantsha kumo ba ba jaaka Amorentia Estate & Nursery kwa Limpopo ba tlhoma thulaganyo ya go ruta bagwebi le bareki ka ga mesola ya leungo la drakone go tswa mo Aforika Borwa.

Ditiriso tsa Leungo la Drakone

©Fairie Anne Acebedo-Domingo

Leungo la drakone le jalwa thata kwa mebarakeng e e foreše mme gantshi le rekisiwa kwa mmarakeng wa balemirui ba mo Aforika Borwa. Leungo le lona le ka dirwa mo bontsing ba ditiragatso tse di omisitsweng le theko e e oketswang jaaka dirolo tsa maungo a a omisitsweng, bebetsididi, dijamo, matute, dikukunama, jaaka tšhotlho ya leungo mo gare ga yokate. Matute a mefuta e khibidu a ka dirisiwa gape jaaka semalafatsi sa tlhago. Diteye tsa ditlama, metsi le vodka le tsona di tsenyeleditswe ka tatso ya leungo la drakone mme leungo le ka dirisiwa go dira veine.

 Lekukunya la sethunya le le so bulweng le ka apewa mme le ka jewa jaaka morogo mme dithunya di ka dirwa mokgokolosa mo metsing a a belang di bo di itumelelwa ka teye.

Sejalo se dirisiwa thata jaaka sekgabiso sa sejalo mo dirapaneng mme se dirisiwe jaaka sepagamo go itirisa e le magora.

Yunivesithi ya Pretoria e dira dipatlisiso ka ga tiriso ya leungo la drakone se ntsha ditlolo. Go fitlhetswe gore matute a leungo la drakone a ka nna le dithoto tse di jaaka Mokgopha wa ferox le Mokgopha wa vera mme gongwe le ka nna dikgato di le 10 go feta. Dithoto tsa dintshiwa tsa leungo la drakone di akaretsa bonolafatsi, twantsho ya go tsofala, tiiso ya letlalo le tlhotlheletso ya tekodisiso ya lehiriri.

Letlalo la leungo la drakone le dira go fitlhela kwa go 22% ya palo gotlhe ya bokete ba leungo, fela le gantsi le a latlhwa. Letlalo la leungo la drakone le na le dikotla tse di mosola thata jaaka semalafatsi sa metsi – lokwane le le kgoreletsang oksideišene le le maatla. Letlalo la leungo la drakone le ka dirisiwa ka mefutafuta ya mesola: le a segwa ka meretwana e mesesane mme ya gadikwa mo oling ya sesame kgotsa le dirisiwe go bakanya diteye. Lerojana la letlalo la leungo la drakone le lekotswe mo ditekong mme go fitlhetswe gore le ka rotloetsa maemo a madi a mafura mo dipebaneng. Kwa Philippines, lerojana le bo le dirisiwa go dira di-noodle tsa mmala o mopinki.

Mesola ya Leungo la Drakone

Mesola ya tsa botsogo ya leungo la drakone ke ka ntlha ya lokwane le le sitisang oksideišene, thibela dibaketheria le dithoto tsa dikotla, go thusa go tokafatsa twantsho malwetsi, ka ntlha ya maemo a a kwa godimo a vithamine ya C, e akofisa tshilo ya dijo le thulaganyo ya tshilo. Disukiri, tse di leng teng mo leungong la drakone, di ka thusa go rotloetsa dibakteria tsa probiotic mo mpeng le mo maleng.

Leungo la drakone le le humileng ka tlhale le ka thusa go laola madi a sukiri, ka jalo se ka thusa mo dijong tsa ba bolwetsi bja sukiri. Leungo gape le kwa godimo ka lokwane le le kgoreletsang oksitšiene se se akaretsang divithamine B1, B2 le B3, diesete tsa mafura a a sa tswakwangwang, malafatsi ya dijalo e e tiileng, proteine, kalasiamo, potassiamo, tshipi le fosforo. Peo ya leungo la drakone e na le diesete tsa mafura a omega-3.

Dithito le dithunya tsa seenywa sa drakone di dirisiwa go alafa bolwetsi ba sukiri, jalo ka dioketsa motsamao wa go imologa le go thusa go ntho go fola. Godimo ga fao, leungo le na le thibelo ya malwetsi mo bolwetsing ba pelo.

Ela tlhoko:
Tshedimosetso ke ya thuto le merero ya tshedimosetso fela mme ga e a tshwanelwa go tsewa jaaka keletso ya kalafo. Tshedimosetso ga e a ikemisetwa go tlosa keletso ya kalafo ye e neelwang ke badiredi ba tlhokomelo ya botshelo bo bo phepa.

Translated by Lawrence Ndou