ya Legapu

© Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Citrullus Lanatus Leina la Tlwaelô: Legapu Go akanywa fa legapu le tlholegile kwa dikgaolong tsa Afrika tse di omeletseng le tse di omeletseng go le gonnye. Ga jaana le jalwa go ralala lefatshe.

Tlhalosô ya Sejalo

Legapu ke cucurbit mme ke karolo ya lolapa lwa Cucurbitaceae. Le mela mo morareng o o rapaletseng o o ntshang diranki tse di anamang ka go kgabaganya fa fatshe. Sejalo se tlhagisa dithunya tsa tona le tsa tshegadi ka bobedi mo semeleng se le sengwe.

Legapu le na le thulaganyo ya medi ele mentsi e e seng boteng, ka jalo go botlhokwa thata go laola mefero le go nosetsa ka metlha ka ge bontsi jwa medi bo le mo bogodimong jwa 20 cm jwa mmu.

Medi eno e ka anama go ralala karolo e e khurumeditsweng ke matlhare le merara. E na gape le moditona o o yang kwa botlaseng jwa 40 cm.

Leungo gantsi le na le letlapi le le botala jo bo fifetseng, le leungokobolwa le le bohibidu jo bo fifetseng ga le butswitse. Ga jaana go na le magapu a a nang le matlapi a mantsho, serolwana le a a setlhafetseng, le leungokobolwa le le hibidu, serolwana, mmala wa namune le tshweu.

Ditiriso

Legapu gantsi le itumelelwa ka go jewa le le foreshe mme gape le dirwa matute. Leungo le lekapê di diriswa gape mo dijêmêng le disomareding.

Ditlhokegô le Paakanyô ya Mmu

Legapu le tlhoka mmu wa serokwa o o motlhaba goya go o o serokwa fela, o o nang le pH ya magareng ga 6 le 7. Mmu o tshwanetse go nna le seelo se se siameng sa monontsha o e eseng wa maitirelo, go seng jalo o tshwanetse go tsenngwa ka mokgwa wa motshotelo kgotsa mosutele kgotsa dijalo-khurumetsa tse di tshwanetseng go ka jalwa dibeke di le lesome goya go di le somepedi pele ga jalô.

Fa se setse se godile, sejalo-khurumetsa jaanong se tswakanngwa mo mmung pele ga nako e e solofetsweng ya jalô. Jaaka molawana, tsaya disampole tsa mmu dibeke di ka nna 14 pele ga letlha le le lebeletsweng la jalô, mme o ise disampole gore di sekasekwe le gore go dirwe maele ka ga ditlhokegô tsa dikotla.

Fa tshekatsheko ya mmu e sena amogelwa, dibeke di ka nna 12 pele ga jalô, tshela lime go baakanya pH le gypsum go tsenya calcium, le motshotelo kgotsa mosutele go tsenya monontsha o e seng wa maitirelo.

Lemelela ditlhakanywa tseno mo mmung, go di tlhakanya le mmu o o fa bogodimong jwa 500mm. Seno gape se lemelela masaledi a dijalo tsa kgale le mofero mongwe le mongwe o o ka tswang o medile fa e sale ka kotulo ya bofelo.

Sejalo-khurumetso se se tala ke kakanyo e ntle ka gale ka ge se laola gape mefero mme se tlile go tsenya gape monontsha o e seng wa maitirelo mo mmung. Lema sejalo-khurumetsa mme o jalelele dipeo ka êga ya leino. Seno se lekalekantsha boalô le go khurumetsa dipeo ka mmu o monnye.

Dibeke tse di ka nnang tharo goya go di le nne pele ga jalo, kgaola sejalo-khurumetsa se se tala mme o gasagasanye motshotelo kgotsa mosutele le go lemelela seno, o pitikolola mmu mo boteng jwa 400 goya go 500 mm.

Ka êga ya papetlatsheko lekalekanya le go fokotsa mmu, mmogo le maseledi mangwe le mangwe, go fetola mmu o o mo bogodimong go nna tlhoka-phetogo e e senang mangôpe.

Tlogela lefatshe go ka tsepama. Mo bekeng ya bofelo pele ga jalô, tshela monontsha wa pele ga kotulo o o umakilweng le elemente nngwe le nngwe ya tshelô-morago e e tlhokegang jaaka boron le Zinc, mme o lemelele seno mo mmung o o fa bogodimong jwa 20 cm.

Seno gape se dira jaaka tiragatso ya bofelo ya taolô-mofero. Fa go dirwa ga meboto go tlile go dirwa kgotsa go bewa ga dipeipe tsa thothetso-metsi kgotsa kobelo ya polasetiki, tseno jaanong le tsona di tlile go dirwa mo legatong leno. Mmu ono jaanong o baakanyetswa jalô ya dipeo kgotsa matlhogela a legapu.

Bosa

Magapu, jaaka cucurbits tse tsotlhe, a rata bosa jo bo bothitho mme a gola ka go gaisa fa dithemphoritšhara di le magareng ga 18°C le 30°C.

Kgolô e ema gotlhelele fa dithemphoritšhara di wela kwa tlase ga 10°C, mme le tshaba segagane thata, mme dijalo di ka swa fa di beilwe mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga 5°C nako e telele. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo thata tse di fetang 35°C le tsona di kotsi mo sejalong le mo thôbông e e lebeletsweng.

Dijadi

Go na le mefuta e e ka nnang lekgolo e e farologaneng ya magapu, ka mefutatswakwa e meša e e dirwang ka metlha jaaka ditatso di fetoga le mebaraka e golela pele.

Mefuta e megolo e e jalwang mo Afrika Borwa ke All Sweet, Crimson Sweet, Super Small le mefuta e e sanang dithapô. Mefuta e mengwe e e leng teng mo Afrika Borwa ke Sugar sweet, Charleston, Congo, Sugar baby, Moon and Stars, Daytona, Sensei, White wonder, Yellow Petite le Starlight.

Fela go botoka go bona kgakololô ka ga sejadi gotswa mo motlhankeding wa selegae wa tsa jalô le bagakolodi ba selegae ba dipeo pele o ka tsaya tshweetso. Ba tla kgona go go gakolola ka ga dijadi tse di maleba mo kgaolong e e rileng le maêmô a kgolô.

Translated by Nchema Rapoo