Kitso-Kakaretsô ka ga Brinjal

© Louise Brodie
Leina la Bonetetshi: Solanum melongena Leina la Tlwaelô: Brinjal, Aubergine kgotsa Eggplant

Tlhalosô ya Sejalo

Brinjal ke sejalo se se nang le matlhare a magolo a botala jo bo timpetseng a a tlhaga go se nene. E golela mo boleeleng jo bo ka nnang methara ole mongwe. Dithunya tsa pele ga go tlhoga ga leungo di phepôle o o sedifetseng.

Leungo le phepôle o o fifitseng goya go bontsho, mme mefuta e mengwe e mesweu, ke ka fao ena le leina la leungo la lee ka gonne e bopegile jaaka lee.

Ditiriso

Eggplant kgotsa Brinjal e jewa e besitswe, e katetswe, ele mo disopong le setšhuung le mo kebab, mme e diriswa mo dijong tsa khêri le tse di gadikwang.

Ditlhokegô le Dipaakanyô tsa Mmu

Brinjal e ithatela mmu wa motlhaba o o serokwa, o o nang le ntshô-metsi e e siameng. Sejalo se itumela mo mebung e e nang le pH ya magareng ga 5.5 le 6.5.

Mmu o tshwanetse go ka baakanngwa ka monontsha o o lekaneng mo bogodimong jwa 40 cm ka ge ele fa bontsi jwa medi bo melelang teng.

Pele ga go ka tsenywa mosutelo, tshimo e tshwanetse go ka petwa boteng jo bo ka nnang 100 cm, ka ge medi mengwe ya Brinjal e ka tsenelela ka fo fera metara ole mongwe.

Karolo ya sejalo e tshwanetse go ka lengwa go netefatsa fa mmung o o fa godimo o le phepa le go lekalekana. Balemi bangwe ba jala mo mealông ya mmu e e kukegileng go tokafatsa ntshô-metsi mo mebung e e bokete.

Bosa

Brinjal ke sejalo sa bosa jo bo bothitho, mme setswa le go dira bontle kwa dikgaolong tsa mafelo a a mogote a le dipula. E lengwa gape kwa dikgaolong tse di bothitho tsa Mediterranean.

E tshaba segagane mme kgolô e bonya mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga 16°C. Ga e dire bontle gape fa dithemphoritšhara di ya kwa godimo ga 35°C.

Dipholô tse di gaisang di bonwa fa Brinjal e jalwa mo dikgaolong tse mo go tsona dithemphoritšhara tsa motshegare le tsa bosigo di yang tlase le godimo mo magareng ga 18°C le 28°C.

Dijadi

Black King, Black Beauty, Florida Market, Long Purple, Imperial, Little Fingers.Translated by Nchema Rapoo