Go Simolola Tshimo ya Morara

© Louise Brodie
Botshelô jo bo solofetsweng jwa tshimo ya morara le dingwaga tse someamabedi ka jalo go botlhokwa go botsa maela gotswa go baitseanape ba ba maleba. Dintlha tse di latelang di tshwanetse go tlhomamisiwa pele ga tshimo e ntšha e ka simololwa:

Dijadi tsa ga jaana tse di jadilweng mo polaseng: ke dijadi dife le gore ke dijadi di le kae tse di jadilweng ga jaana?
Bogolo jwa ntsho-kungo e e batlegang go tswa mo tshimong e ntšha.
A naa nako ya go butswa ya sejadi se seša e kgatlhanong le ya dijadi le dijalo tse di leng teng?
Ke dijalo dife tse di jadilweng ga jaana?
Go nna teng ga metsi.
Bogolo jwa tiriso ya metšhine.
Tshedimosetso ka ga mmu mo kgaolong e e tlhomameng mmogo le matshwanedi a tikologo ya temô mabapi le kgaolo le mokgokoloso e tshimo e leng mo go ona.

Go tshwariwa ga mefuta e e farologananeng ya mmu, moselemaswe (fa go tlhokega) mmogo le paakanyo ya mmu ka khemikhale le microbiology le tsona di isiwa tlhogong.

Tiriso ya sejadi le mofuta wa mofeine o o tlileng go tlhagisiwa le gore o tlile go tlhagisetswa mmaraka ofe. Tlhopho ya sejadi le sekasejadi e tshwanetse go akanyiwa mmogo le medikutu e e maleba go ya ka mofuta wa mmu.

Kelotlhoko e tshwanetse gape go fiwa mo mabakeng a a lebaneng lefelô la medikutu: bophara jwa jalô, karogano le ntlha-kemo ya medikutu, boleele jwa mela ya morara ga mmogo le thulaganyo ya trellis.

Bomaleba jwa Felo-jalô

O tshwanetse go sheba bomaleba jwa mmu – a o siametse diterebe tsa morara kgotsa sejalô sengwe se ka kaiwa? Mafelo a a tshabelelwang ke segagane a tshwanetse go efogwa, sekai, dikgaolo-naga tse di tamileng metsi le mebu e e metsi e tshwanetse go efogwa kgotsa e omiswe pele. Mafelo mangwe, jaaka mekgokoloso ka sekai a ka bona phefo e ntsi e e ka dirang gore kgolo mo tshimong e nne bokete. Mekgokolosa e ka nna tsiditsana ka selemo go feta mebu e e kwa tlase e e bapileng le noka.
Mekgokoloso ya bokone mo Afrika Borwa e bothitho mme e dirisetswa dijadi tse di jaaka Cabernet, Pinotage, Shiraz le dijadi dingwe tsa terebe e tshweu jaaka Chenin Blanc le Chardonnay. Mekgokoloso ya borwa fela e tsiditsana mme dijadi tse di kgonang go gola mo go ona ke dijadi tsa terebe e tshweu jaaka Sauvignon Blanc le Riesling le dijadi tsa terebe e khibidu jaaka Merlot le Pinot Noir. Motlhaba o o nonneng wa noka o ka dira gore merara e gole ka nonofo fela diterebe di tlile go bola bonolo. Dijadi tse khibidu gape di ka se nne khibidu thata mo maemong a a jalo.

Karoganyo ya Mela

Bophara jwa mola gantsi bo swediwa ke tiriso e e botlalo ya lefatshe, fela le ke diterekere le didiriswa jaaka tse di nosetsang tse di tlileng go diriswa. Sekgala-magareng sa mela ya merara gantsi ke mo magareng a 2.1m le 3.0m fela se nna se sesane ka ga go ka kgonengang gore mmu o dirisiwe ka botlalo. Seno ka jalo se baka ntsho-kungo e e godimo go ya ka heketara ka jalo le lotseno le le godimo go ya ka heketara.
Bophara jwa mola fela bo ya le gore ke thulaganyo efe ya trellis le ya go fokotsa dikalana e e tlieng go dirisiwa ka gonne e tlile go go sweetsa gore borulêlô bo nna sephara go le kanakang. Fa go dirisiwa metshine ya kotulo, kelotlhoko e tshwanetse go fiwa bophara jwa tsela. Metšhine eno e megolo mme kwa bokhutlong jwa mela sebaka sa go retologa ga se a tshwanela go nna gaufi ka 6-7 metres.

Karogano ya Merara

Sekgala magareng a merara gantsi se swediwa ke mofuta wa mmu le medikutu ya sejadi, ka mantswe a mangwe go nonofa ga mofuta. Fa go nona ga mmu go ya godimo bophara jwa karogano ya medikutu fa e jadiwa le bona bo ya godimo. Lepele le morago la seno le lona le teng: fa bokoa jwa mmu bo ntse bo ya godimo, le bophara jwa karogano ya medikutu bo a fokotsega fa e jadiwa.

Kemo le Boleele jwa Mela

Kemo ya mela gantsi e sweetswa ke kgaolo kgotsa mokgokoloso mmogo le diphefo, letsatsi le sejadi. Phetodi ya diphefo tse di maatla le ntlha e phefo e yang teng le tsona di tshameka karolo e e botlhokwa. Phefo e e fokang mo merareng e ka omisa matlhare ka bonako mme e fokotse malwetse a mouta. Gape ena le phetodi e e kwa godimo ya go rurufatsa diterebe mme tshenyô ka ntlha ya phefo e kwa tlase. Diphefo tse di maatla tse di fokang mo matlhakoreng di ka senya matlhogela a mannye go sale gale mo setlheng pele e ka bofelelwa mo thulaganyong ya trellis.
Go tlhabiwa ke letsatsi le mekgokoloso e e bakang kgogolêgô ka metsi le tsona di na le tshweetso mo kemong ya mela fa go simololwa tshimo. Golagana le viticulturist mo ntlheng eno go sweetsa kemo e e siameng ya mela ya sejadi sa terebe se se tlhomameng. Mokgwa wa sešeng ke go simolola mela e meleele ka ntlha ya gore e somarela madi mme dijanaga di tsaya nako e khutshwane go ka theela. Boleele jwa mola ke bogolo jo bo ka fitlhang 250 metres.

Translated by Nchema Rapoo