Go Simolola Tshimo ya Merogo ya Tlhokakhabone

© Marinda Louw
Mix crops to limit bug infestation and to improve soils.
Mmu ke selo se se botlhokwa mo temông ya tlhokakhabone. Pele o ka simolola tshimo ya merogo go botlhokwa go kaonafatsa mmu ka go o tsenya ditlhokakhabone. Ditlhokakhabone di thusa go tshola mmu o metsifetse sebakanyana. Mmu o tswa metsi sentle, metsi a tsenelela kwa boteng mme mmu o tshola metsi sebaka, ka go nne go na le ditlhokakhabone tse di oketsegileng mo mmung. Dithulaganyo-modi tsa dijalo di gola botoka le ka boteng mme di thuse go godisa dijalo tse di itekanetseng. Ditlhokakhabone, le tsenelelô-mmu ya medi e e botoka e e tsenyang mowa mo mmung, di ngôka diboko tse di thusang mo go bodiseng ditlhokakhabone, mme seno se tlaleletsa mo kumisong ya mmu. Mowa o montsi mo mmung o rebolela medi oxygen ele ntsi, e e leng teng go medi ya sejalo go e thusa ka kgolô le khemo.
Dilo tse di kganetsweng mo temông ya tlhokakhabone di akaretsa dibolaya-mouta kgotsa ditlhagiswa tse di bolayang mouta mo dipeong. Mo Afrika Borwa, dipeo tsotlhe tsa kgwebo di tshelwa dibolaya-mouta go lwantsha malwetse le ditshwaetsego tsa mouta mo mebung. Tshêlô ke ya go sireletsa peo kgatlhanong le mouta o o mo mmung. Peo ya setlwaedi kgotsa ya tlhagô e tshwanetse go ka diriswa. Fa e se teng, mefuta e e dulafaditsweng e e bulegileng e tshwanetse go diriswa.
Genetically Modified Organisms (GMO’s) ga di a letlelwa mo temông ya tlhokakhabone. Molemi wa tlhokakhabone o tshwanetse go bona setlankana gotswa kwa moabing se se tlhalosang fa go sena peo ya GMO e e rebotsweng. Seno ga se ame fela peo, mme fela le matlhogela le mesegô.

Paakanyô ya Mealô ya Peo

©Eric Miller
Spier Wine Estate outside Cape Town. Women working on an organic agricultural project that is part of the wine farms programs.
Pele o ka epa mesima ya tshimo ya gago ya merogo, o tshwanetse go kokoanya matlakala a tshimo le a phaposi-boapelo dibeke di le mmalwa. A tsenye mo thothobolong ya motshotelo gore a bôle go fitlha o kokoanya mo go lekaneng. Seno jaanong se tswakanywa (ka mealô) le mmu o o mo boalông jwa peo. Boalô jwa peo jwa gago ga bo a tshwanela go feta lebati ka bogolo. Netefatsa fa o tshola mmu wa fo godimo (o o fifetseng) le mmu wa kwa tlase ka go kgaogana; dirisa mmu wa fa godimo go tlaleletsa karolwana ya bofelo ya boalô jwa peo. Balemi bangwe ba ka nna le dikarolo tse kgolwane tsa mmu mme ba ka batla go jala merogo ele mentsinyana go e rekisa. Ba ka dira mealô ele mmalwa, kgotsa mealô e ka nna go 2m ka boleele, fela ga e a tshwanela go feta 1m ka bophara.
Mealô e mesesane e bonolo go nosetswa.
Go bonolo go lekola dijalo go bona disenyi le malwetse le go ntsha mefero mo boalông.
Dijalo di ka nna bonolo go ka sireletswa ka nepo kgatlhanong ke diphologolo le dinonyane.
Fa go kgonagala go ka se gatakiwe mmu o o mo boalông mme go thibelwe kitlano ya mmu.

Translated by Nchema Rapoo