Disenyi tsa Terebe - Margarodes

© Dr Andre de Klerk Wineland
Margarode infestation can be recognised by curling leaves.
Tshenekegi eno ke tshenekegi ya scale e e tlhaselang medi ya merara, gantsi ko boteng jwa 40 go ya go 60cm. Ditshenekegi tseno, tse di itsagaleng gape jaaka 'ground pearls', di ka bonwa gantsi mo mmung go simolola ka Sedimonthole go fitlha ka Motsheganong mme di anamiswa ka didiriswa tsa temo le ka metsi. Letshwaô la ntlha la tshwaetsegô ya margarode ke kgolô e e bokoa, gantsi e bonwa ka dikôlô mo morareng. Matlhogela a morara a nna khutshwane le bosesane mme matlhare a ma nnye a kobegela kwa tlase. Fela, ga gona letshwaô le le tlwaelegileng la go tsenelelwa ke margarode.
©Dr Andre de Klerk Wineland
Size difference of encysted larvae of two margarode species
Mefuta e e farologaneng e le lesome e fitlhelwa mo Afrika Borwa, fela ke fela e le metlhano e e ka nnang le ditlamorago tse di sa siamelang ekonomi mo tshimong ya morara. Palo e e kwa godimo ya dijalô, segolo-bogolo bojang, e a senyega. Kwa tshimololong ya tshimo ya morara e ntšha, go botlhokwa go itse gore ke dijalô dife tse e leng dijalô tsa tlhago tse di tsholang margarodes. Ka jalo, go tsenelelwa ga tlhago go ka efogwa. Setlhare sa mokala (Acacia erioloba), se se fitlhelwang ka go anama kwa dikgaolong tsa Orange River le Mpumalanga, se sa tswa go supiwa jaaka sejalô sa tlhago se se tsholang nngwe ya mefuta ya margarodes. Dijalô tse tlhago tse di tsholang mefuta e mengwe ya mo Afrika Borwa di santse di sa itsiwe.

Ga gona taolo ya khemikhale e e kwadisitsweng e e leng teng ga jaana, fela go gakololwa gore maotwana a diterekere le didiriswa tse dingwe di phepafatswe fa di tswa kwa karolong ya tshimo ya morara e e tshwaetsegileng pele di ya kwa e e sa tshwaetsegang.

Translated By Nchema Rapoo