Go Dira Madi Gotswa mo Tlhagisong ya Dikolobe - Dithekiso tsa Thuo ya Dikolobe

©Dr Jim Robinson
Fa o ntse o tshola dikolobe sebaka mo polaseng, ke teng fa go nnang tlhwatlhwa-godimo go ka di fepa mme kgonagalo ya gore di lwale kgotsa di gobale e a oketsega. Barui ka jalo ba tshwanela ke go supa nako e e siameng ya go rekisa dikolobe tsa bona, goya ka thulaganyo ya bona ya tlhagiso le maêmô, letsopa la dikolobe tse ba di tlhagisang le seelo sa kgolô sa dikolobe tsa bona.

Nako ya Thekiso

©Glenneis Kriel
Diphologolo di ka rekiswa nako nngwe le nngwe, fela tse di sa tswang go kgweswa ka tlwaelô di rekiswa mo dibekeng di le thataro fa di le bokete jwa 9 goya go 10 kg go nonotsha lotseno, kgotsa fa di le dibeke di le 10 goya go 12 fa di le bokete jo bo ka nnang 25 kg. Dikolobe tsa nama le tsa bacon di rekiswa fa di le kgolwane, tsa nama gantsi fa di le bokete jwa botshele jwa 70 kg, mme tsa bacon fa di na le bokete jwa botshelo jwa 75 kg goya go 95 kg.

Dipuisano ka Tlhwatlhwa

©National Pork Board and the Pork Checkoff, Des Moines, IA, USA.
Go sweetsa ka ga tlhwatlhwa e e siameng, South African Pork Producers Organisation (SAPPO) mo bukaneng-kaedi ya bona ya tlhagiso Pigs for Profit ba gakolola barui go dirisa tlhwatlhwa ya kilogram ya jaana ya dikolobe tsa bacon jaaka ntlha-tshimololô mo dipuisanong.

Tlhwatlhwa ya dikolojane tse di sa tswang go kgweswa tsa bokete jwa 9 goya go 10 kg, gantsi e feta e e tlileng go duelelwa kilogram ya dikolobe tsa bacon ka makgetlho ale 24 mme makgetlho a a ka nnang 30 fa dikolojane tse di sa tswang go kgwese ele tsa bokete jo bo ka nnang 25 kg. Tlhwatlhwa ya dikolobe tsa nama gantsi e kwa godimo ga tsa bacon. Bua le barui ba bangwe go utlwa gore ba bona bokae, mme o buise di-magazine tsa temôthuo go itlwaetsa ka tse di diragalang mo mmarakeng.

O Rekisa Kae

©Glenneis Kriel
E tlabe ele phôsô e kgolo go simolola polase ya dikolobe mme o beye tshepo mo goreng tsotlhe di tla tsamaya sentle fa nako e o batlang go rekisa diphologolo tsa gago ka yona e goroga. Go bona dipholô tse di gaisang, o tlhoka go supa le go ngangatlela mmaraka pele o ka beeletsa madi a a kwa godimo mo kgwebong ya thuô-kolobe, selo se se bonolo go buiwa fela se le thata go diragatswa ka ge bareki ba le bantsi ba batla go bona setlhagiswa sa gago pele ba se reka.

O dirisa mogokaganyi. Bagokaganyi banô gantsi ba direla tuelo mo boemong jwa batlhagisi kwa matlhabelong a magolo. Ba tlile go tsaya marapô a dithulaganyo tsotlhe kwa matlhabelong, jaaka tuelo ya motlhabi, dituelo tsa tshekatsheko le tsa tshwaô-boleng, mme gape ba buisanele tlhwatlhwa ya dikolobe tsa gago ka letsatsi la thomelô.

Mokgwa o mongwe ke go nna le tumalano le selaga, mophasalatsi kgotsa lebenkele, eleng selo se se ntle ka gonne gantsi ditlhwatlhwa di tsepame mo pakeng e e rileng, selo se se thusang go sireletsa batlhagisi kgatlhanong le diphetogophetogo tsa tsatsi le tsatsi tsa tlhwatlhwa. Kgwetlho fano ke go nna le palo e e lekaneng ya dikolobe tse di itekanetseng le thebolo e e tsepameng ya ka gale. Batlhagisi ba ka fenya kgwetlho enô ka go tlhakanya ditlabakelo le go dira mmogo go rekisa ditlhagiswa tsa bona.

Dikolobe di ka rekiswa gape kwa dikgaisanelong-tlhwatlhwa, ka tlhamalalo go matlhabelo fa ntse di nna teng, kgotsa go tlhajwa kwa malapeng.
Fa go thotwa diphologolo tse di tshelang, balemirui ba tshwanetse go netefatsa fa ba na le makwalotetla a a maleba a thwalo ya diphologolo, go seng jalo dikolobe di ka thopiwa ke bamolao. Pigs for Profit e tsibosa kgatlhanong le go rekisatsa baphaphathegi ka tsela, ba ba tsamayang polase le polase go reka dikolobe, ka gonne go na le kgonagalo e kgolo ya gore ba lere malwetse mo polaseng.

Translated by Nchema Rapoo