Cape Hare
Mmutla wa kwa Kapa

© Nigel J Dennis

Leina

Mmutla wa kwa Kapa o o tlwaelegileng kgotsa o o Borokwa. [Lepus capensis]. Go na le lesomepedi lwa seka mefuta ya Mmutla wa kwa Kapa e fitlhelwang mo Aforika.

Ponalo

Mmutla o o namagadi wa kwa Kapa o feta wa tona go.
senene. Boima jwa tsona bo farologana go tswa magareng a 1.5 - 2.5 ya dikilograma. Bo bowa jwa yona ke jo bo borokwana le bosetlha. Ditsebe ke tse di telele mme mogatla wa yona ke o o bosweu le bontsho mogatla ka jalo di tlwaelegile go bonwa fa o fofa. Mmutla wa kwa Kapa o farologane le wa mo Scrub ka bonnye jwa le tlhokego ya bosweu jo bo tlhapileng ka fa tlase ga dikarolo.

Dijo

Go ikaegile ka go nna teng ga bojang kgotsa ditlhatsana e ka fula bojang kana ditlhatsana. Mebutla e ntsa tlhamalalo go tswa kwa morago dikgolokwanyana maloko ka nako ya boikhutso ka nako ya boikhutso mo letsatsing, le go ntsha ka natla dikgolokwanyana ka nako ya dijo tsa bosigo.

Pelegiso

Mmutla wa kwa Kapa ga o belege ka setlha se se riling, e belego mo tsamaong ya ngwaga o otlhe, le fa go le jalo pelego e kwa godimo ka nako ya dipula. E belega e le nngwe go ya go di le tharo tsa g ka ango ya go dusa morago ga paka ya malatsi a 42. Tse di nnye di tlhokomelwa ka botlalo go fitlhela di le digeramo tse 100 fa di sena go tsalwa. Matlho a butswe ka botsalo le e e sa tswang go belegwa a na le bokgoni jwa go utlwa le go dikologa, mo sebakeng sa diura tse 48 tsa botsalo. Leverets di suckled ke bomme fela metsotso e le lesome nngwe le nngwe ya bosigo. Go amusa go tsweletse mo pakeng ya dibeke di le tharo fela. Ga di dirise dintlhaga.

Maitsholo a yona

Mmutla wa kwa Kapa gantsi o tshela o le nosi, mme fa tse di namagadi di santse di fisa go ka tlhakana le tse ditona, tse di tona di tla di sala morago mo pakeng ya nako khutshwane. Di rata tikologo e e bulegileng e e kgwatata. E fitlhelwa mo dikarolong tse di nang le bojang jo bo khutshwane tse di bulegileng.

Di fitlhelwang jwa kae?

Mutl wa kwa Kapa e aname e bile e mentsi mo ditikolong tse di kgwatata tsa Aforikaborwa, le kwa Botswana le bogareng jwa dikgaolo tsa kwa Namibia.