Bolwetse jwa Newcastle

©Roger De la Harpe
Bolwetse jwa Newcastle ke bongwe jwa malwetse a a tshabiwang thata a thuonong mo lefatsheng. Ka ntlha ya gore ga bona kalafi, bo tshwanetse go begelwa ba tsa boitekanelo jwa diphologolo kgotsa ngaka ya diphologolo ya puso ka bonako jo bo kgonegang fa go ka belaelwa gore bo tsene, mme bona ba tla thusa ka go bo laola.
Go runya ga bolwetse go ka farologana go tswa go magareng go ya go go go tseneletseng, mme tsenelelo ya bona e ikaega ka mofuta wa bolwetse, maatla a mofuta wa bolwetse, go itshireletsa ga dinonyane kgatlhanong le mofuta wa bolwetse le dingwaga tsa dinonyane tse di tshwaetsegileng. Kgogo le kalakune di tshabelwa bonolo ke bolwetse jono gona le sehudi le pidipidi, fa mefuta mengwe ya dinonyane tse di tlhôlêgileng fa gae di sa tsenwetsenwe ke bolwetse fa di le mo seemong se se siameng.
Mogare ono o tshelana bonolo thata. O ka anama go tswa mo mantleng a dinonyane tse di tshwaetsegileng, mme dinonyane tse di phetseng di tshwaetsega fa di ja dijo kgotsa di nwa metsi a a kgotletsweng ke mantle; kgotsa o ka anama ka go fetelana mo moweng. O ka anama ka go tsamaya ga dinonyane, batho le diaparo tsa bona, didiriswa le ditlhagiswa tsa thuonong.

Go Lebiwe eng

Mathata ka Bolwetse jwa Newcastle ke gore ga gona matshwao a bolwetse a a rileng, seno se dira gore bolwetse jono bo tsiêtsêgiswe le malwetse a mangwe. Dinonyane gantsi di ka nna bokowa, tsa itsapa, tsa nna le botlapa le kgatelelô, fela go sena sesupo sepe sa tshwaetso ntle fela le go swa ka tshoganyetso. Mafofa a dinonyane a ka phorophotshega mme di ka ja ka bo nnye gona le ka metlha. Ka dinonyane tse di beelang, go ka nna le kwelotlase ya ka bonako ya ntshô-mae le boleng jwa mae, mme dikgapetla di nne boleta kgotsa di fetoge sebôpegô mme kgwang e nne metsi.
Matshwao a mangwe a bolwetse a ikaega ka karolo ya mmele e e tshwaetsegileng. Lotshololô lo lo metsi, tala kgotsa tshweu e ka nna sesupo sa gore mogodu o tshwaetsegile. Matshwao a gore masobana a mowa a tshwaetsegile a akaretsa go hema ka thata le ka bofefo, go gotlhola, go fegêlwa, go ethimola kgotsa go hema ka mokgwasa. Mantshwatshwa kgotsa tlhogo di ka ruruga le tsona. Matshwao a ditshika a ka akaretsa go roroma ga mesifa, kgogego ya mesifa, go tsamaya ka tshokolo, le go swa ga ditokologo tsa mmele go se nene kgotsa gotlhelele. Tlhogo ya nonyane e ka retologa kgotsa ya tshwarwa mo gare ga maoto mme nonyane e ka tsamaya ka go dikologa.
Fa go dirwa dipatlisiso tsa morago ga leso, go nna teng ga bolwetse go ka supiwa ka:
  • go tswa madi mo maleng le mo mogodung
  • dikôlô tse khibidu tse di nnye mo mafureng a a dikaganyeditseng pelwana le mateng
  • metsinyana mo nkong le mo mantshwatshweng
  • lesoba la mowa le ka nna khibidu kgotsa la bontsha dikôlô tse khibidu ka mo gare

Kalafi

Ka fa go sena pheko, dinonyane tse di tshwerweng ke Bolwetse jwa Newcastle di tshwanetse go ka nyeletswa. Fa morago ga go itsiswe, moitseanape wa itekanelo ya diphologolo kgotsa ngaka ya diphologolo o tla thusa ka go laola le go thibela bolwetse go ka anama ka mekgwa-tiriso ya taolô jaaka tiriso ya kwarantini, moento wa tshoganyetso, polaotwatsi le go fisa mantle a dikgogo le dikgogo tse di suleng.
Mokgwa o o siameng wa go thibela bolwetse ke go enta le dikgato tse di siameng tsa tshireletso kgatlhanong le megare ya tlhagô. Fela gopola gore ke dinonyane tse di itekanetseng fela tse di ka entwang. (Buisa go le gontsi ka ga biosecurity le thibelo ya malwetse).

Translated by Nchema Rapoo