Beya leitlho Dimela tsa Dithunya tsa Momela tse di Golang

© Chris Daly
Nako nngwe morago ga gore o jale medithola sethunya sa momela sa gago, dikutu di tla tlhagelela go tswa mo mmung. Dithunya tsa momela di mela mo dikutung (e farologane le morara ka ntlha ya gore e namelela ka matlhogela a yona, e seng ka go dirisa ditshegetso kgotsa dimonoka) tse di tshwanetseng go katisiwa go ya sebakeng sa gore e tsepame. Fela fa di katisitswe mo tshegetsong kgotsa hop twine di tla simolola go tlhoga go ka tsela ya go ya molemeng ka botsona. Dikutu tse nne go ya go tse thataro tsa boitekanelo di tshwanetse go mela go tswa mo semeleng senge le sengwe /modithola.

Lebelela dimela tsa gago go netefatsa gore ga go na matlhogela a a senyeileng kgotsa a a bokoa. O se ka wa letlela dikutu tsa gago go raraana ka fa e tla rotloetsa go kgobokana e ka tlisa tshenyego ya moriti le ditlhaselo. Tlhatlhoba matlhare gangwe le gape fa go na le monyo wa poere e tshweu mme o lebelele disenyi tse di jaaka ngadube.

Tlhatlhoba mmu go dikologa semela sa gago mme o tlhagole mefero le disalela tse di ka kgoreletsang kgolo. O tshwanetse go tshola mmu o le bongola, le fa go ntse jalo, o tlhokomele go se nosetse semela sa gago go fetisa. Nosetsa semela sa gago mo mosong go letla gore matlhare a ome motshegare. Go tlhola fela ka dinako tse dingwe go bona komelelo fa go tlhokega.

Tlhokomelo ya semela sa gago go botlhokwa jaaka mathata a a ka tshwarwang ka bonako a nna bonolo go siamiswa.

Tsela ya go Tlhokomela Semela sa Dithunya tsa Momela

©Chris Daly
Fa dikutu di tlhagelela go tswa mo mmung ke nako ya go simolola go tlhokomela dimela tsa dithunya tsa momela tsa gago. Dikutu di siametse go katisiwa fa di le disentimetara tse 15 go ya kwa godimo. Di ka katisiwa ka go dikoloswa mo ditshegetsong kgotsa hop twine. Se, se tshwanetse go dirwa mo malatsing a le mmalwa, morago ga moo dikutu di tla simolola go gola mo tseleng ya ka fa molemeng ka botsona mme di ka bewa leitlho ka metlha.

Fa semela se gola go botlhokwa go tlosa matlhogela a a bokoa kgotsa a a senyegileng. Fela fa dithunya tsa momela di nnile le kgolo ya dikgwedi di le mmalwa ke kakanyo e e siameng go poma matlhare a a ka nnang disentimetara tse 60 go ya kwa tlase ga dimela go thibela tshenyego go tswa mo bolwetseng le methuthuntshwane. O ka nosetsa le go fa dikotla semela sa dithunya tsa momela tsa gago (monontsha) ka dinako tse dingwe, go ya fela ka gore ke eng se se tlhokegang. Tlosa mefero yotlhe le disalela mo mmung go dikologa semela.

Fa o bona monyo wa poere e tshweu o o botsatsa ka fa tlase ga matlhare a mangwe, ka bonako a pome mme o a latlhele kwa ntle ga lapa la gago. O ka dirisa sebolaya ditshenekegi sa tlhago go laola ngadule le disenyi tse dingwe tse di kgoreletsang dijalo sa gago. Tlhokomela dijalo tsa gago ka dinako tsotlhe go fitlhelela dithunya tsa momela di siametse go robiwa ko mafelelong a selemo.

Go Roba Dithunya tsa Momela

©Chris Daly
Nako ya go roba dithunya tsa momela tsa gago e tla farologana go ya ka lefelo le setlha, le fa go ntse jalo go le gantsi mo Aforika Borwa e diragala ka selemo. O tshwanetse go tlhola matlhare a dimela tsa gago jaaka tshupo ya fa di siame go robiwa.

Fa matlhare a topo ya sethunya sa momela se simolola go fetola mmala borokwa le go nna bopampiri go dikologa mathoko a dithunya tsa momela di siametse go robiwa. Go netefatsa, o ka roba topo ya sethunya sa momela ka go bulega se siametse go robiwa. Dikgeleswa tsa lupulin tsa ka fa gare (kwa gare gare) di tshwanetse go nna boserolwana le go kgomarela. Tlhopha dithunya tse di siameng mme o tlogele tse di sa siamang kwa morago. Netefatsa gore ga o robe dithunya tsa momela pele di butswa ka ge se se tla kgoreletsa kgotlelelo ya tsona mme di tla ama tatso ya biri thata.

Go roba dithunya tsa momela, otlha ka bonolo ditopo tsa sethunya sa momela go tswa mo matlhogeleng.

Dithunya tsa Momela tse di tlo Dirisiwang

©Chris Daly.
Fela fa o na le dijalo tsa dithunya tsa momela tse di robilweng o tshwanetse go di omisa go ka di dirisa. Baya dithunya tsa momela tse di buduleng mo lefelong le le sephara. Netefatsa gore di robaditswe mo legeng e le nngwe fela e e boteng e bile ke e seng mo marang a letsatsi. Fa di ntse di oma, di fetolele go netefatsa gore di ka oma ka matlhakoreng otlhe.
Lenano leno le tshwanetse go tswelela go fitlha fa dithunya di omileng - se ke fa teng ga kutu go le masisi mo go lekaneng go robega le go se obe. Dithunya tsa momela tse omisitsweng jaanong di ka bolokwa mo setshwaring ka mo setsidifatsing go fitlha o batlang go di dirisa.

Ditiriso tse Dingwe tsa Dithunya tsa Momela Kwa Ntle le Biri

©Chris Daly
Dithunya tsa momela gape di itsege ka go dirisiwa go dira bojalwa, le ga go le jalo e ka dirisediwa mabaka a mangwe.

Dithunya tsa momelwa di dirisiwa mo ditlhare tsa mesunkwane le tlhago go nolofatsa tatlhegelo ya boroko, go fokotsa letshogo le go thusa ka tshilo gareng ga tse dingwe. Patlisiso e dirilwe go bona gore a go ka kgona go dirisiwa go fokotsa ditshupo tsa go ya kgweding le go kgaotsa go ya kgweding.

Ka ditlaleletso tsa go dirisiwa jaaka setswaki sa biri, dithunya tsa momela di ka dirisiwa jaaka setswaki sa mefuta e e farologaneng ya dijo le senkgisa monate sa tlhago e ka nna ya kgojwa go dira pampiri e e sa tlhamiwang sentse.

Translated by Lawrence Ndou