Bat-eared Fox
Phokoje ya ditsebe tsa mamanthane

© Nigel J Dennis

Leina

Phokoje ya ditsebe tsa mamanthane [Otocyon megalotis]

Ponalo

Phokoje ya ditsebe tsa mamanthane e na le letlalo la bowa jo bo boleta jwa mmala o o mosetlha le borokwa le mogatla o nang le bowa jo bo bo ntsho kwa bofelong, le bowa jwa mothalo mo mokwatleng. Se se kgethegileng mme se tlhagelela ke ditsebe tsa yona tse di golo thata, tseo di leng ntsho kwa ntle mme di bo di nna le bosweu kwa gare. Molomo ke o mo telele wa ntlha o o mo ntsho kwa godimo le bosweu ka fa fatshe. Ke phologotswana e nnye ya bogolo jwa dimilimitara tse 300 go ya godimo kwa magetleng, gape e botelele jwa dimilimitara tse 800. Boima jwa yona ke dikilograma tse 3 go ya go tse 5.

Dijo

Di na le meno a ma nnye a e gapeletsang gore e je ditshenekegi, dipeba tse di nnye le maungo. Dijo tsa yona tse di rategang ke mootlhwa mme di phela jaaka lelapa.

Pelego

Di ntsha bana ba le babedi go ya go ba le tlhano morago ga go dusa nako ya go fitlha go malatsi a 60. Di belega dikgweding tsa Diphlalane go ya fa go rwa Ferikgong. Tse nnye di kgweswa morago ga dibeke di le lesome. Morago ga mengwaga e me bedi di tla ba di siametse go tlhakana ka bo tona le bo tshegadi.

Boitshwaro

Phokobje ya ditsebe tša mankgagane di sepela bošego gomme mosegare di robala ka moleteng. Dipoo di leta melete eo tše nnyane di khutilego gona, mola ditshadi difata tša go ja. Di rata lefelo le le bojannye jo bo khutswane kgotsa mo ditlhatsaneng tse di bulegileng moo di tla kgonang go bona ditaba sentle le go fitlhela dijo. Diphokoje tsa ditsebe tsa mamanthane di kanama fa fatshe kgotsa ge go kgonagala di tshabela iphiltha kwa gare ga bojanye jo bo telele kgotsa kwa sekgwengnyana.

Di fitlhelwa kae?

Di fitlhelwa nageng ka bophara kwa Borwa le Botlhaba jwa Afrika. Di nna mo go nang le komelelo kgoatsa mo go leng komelelo gosenene. Gautshwane go filthelwa gore di phatlalela le kwa seka sekaka sa Kapa le go ela Cape Agulhas. Ntle le go bogisiwa ke balemirui ba se legae, tsona di sa ntse di le gona.

Tlhagiso lesedi

Engwe ya mekgwa wa go ratega wa Phokoje ya ditsebe tsa mamanthane ke ka tsela eo di tsamayang, ka go isa tsebe gaufi le lefatshe ge e sela. Di tla ema ka tshoganyetso, di reetse ka tlhoko mme di ye morago, di tswele pele kgotsa di ope mokgosi. Ditsebe tsa tsona di kgona go utlwa metsamao ya ditshenekegi kwa fatshe ga mmu.