Albertina Sisulu - Go Direla Afrika Borwa e e Lokologileng

O Nyetswe ke Dipolotiki

©Eric Miller
Albertina Sisulu o ne a sa amega mo dipolotiking go fitlha fa a kopana le Walter ka 1941. Le fa go le jalo, o ne a tsenela dikopano jaaka tshegetso mo go ena.
Fa ba nyetse, moporesidente wa metlheng Nelson Mandela o ne a mo bolelela gore, “Albertina, o nyetswe ke monna: Walter o nyetse dipolotiki pele fa a kopana le wena.”
Morago ga ba ne ba nyalane, o ne a nna le seabe se segolo mo dipolotiking. O ne a tsenela Lekgotla la Basadi la African National Congress (ANC) mme a tsaya karolo mo thankgololo ya Tšhata ya Kgololosego mo ngwageng o ne oo.
Ka 1954 o ne a nna leloko la khuduthamaga ya Tshwaragano ya Basadi ba Aforika Borwa (FEDSAW), o ne a nna Moporesidente wa yona wa Teransefala ka 1963 mme kwa bofelong o ne a nna Moporesidente wa yona wa Bosetšhaba.
Lelapa la Sisulu le nnile lefelo la go kopanela le le bogareng la bokopanelo bo popego e kgolo ya ANC.

Dingwaga tsa Mathata

1952 e tlisitse Letsholo la Ikgatholosomolao, ke boiteko ba tirisano mmogo ya ANC, Kopano ya MaIntia ya Aforika Borwa, le Mokgatlho wa Makomonisi wa Aforika Borwa. Puso ya tlhaolele e ne ya arabela ka Molao wa Kgatelelo ya Bokomanisi, o o neng wa bona go tshwarwa ga batho ba le 20 go akaretsa le monna wa ga Albertina, Walter.
Mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang Walter o ne a tshwarwa makgetlo a le mantsi mme Albertina o ne siilwe go itemogela mathata fa a ntse a tlhorontshwa ke sepodisi ka ntlha ya kgolagano ya gagwe le Lekgotla la Basadi la ANC le FEDSAW. O boletse tse di latelang ka nako eo Walter a neng a le kwa kgolegelong:
"Mo dingwageng tseno tsotlhe ga ke ise ke, wa itse, ke nne le botshelo bo bo manobonobo. Ka gonne go tloga ka 1958 fa ke ne ke le kwa kgolegelong, e ne e le tshimologo ya botshelo jwa me jwa go tsena ke tswa kwa kgolegelong. Masome a Matlhano-robedi ke ne ke le kwa kgolegelong, masome thataro tharo ke ne ke le kwa kgolegelong le morwa wa ntlha yo o neng a na le dikgwedi di le some supa ka bogolo. Re ne re tshwerwe ka ntlha ya Molao wa Kgatelelo ya Bokomanisi, se se raya gore malatsi a le somearobonngwe kwa ntle ga tsheko. Ka jalo ne ra ya kwa kgolegelong, mme fa re feditse malatsi a le somearobongwe mme morago ga fao re ne ra gololwa, mme morago ga moo o ne a tlhorontshwa ke sepodisi. Ka jalo ke ne ikutlwa gore go tshwanetse gore a tsamaye mo nageng. Ka jalo, o tlotse molelwane wa naga ka somethataro-tharo. Ka somethataro-nne, morago ga katlholo ya ga (Walter) ya botshelo jotlhe kwa kgolegelong, ke ne ka iletswa dingwaga di le tlhano. Taelo eo ya kiletso e ne e kaya gore ke ne ke sa tswanela go tsenela dikokoano. Ke ne ke sa kgone go ya gaufi le disenthara tsa thuto, ke ne ke sa lgone go ya gaufi le dikgotlatshekelo. Mme morago ga dingwaga tse tlhano ke ne ke newa dingwaga di le lesome tse dingwe ke tlhatlhetswe fa ntlong. Seo e ne a le se se maswe go feta. Jaanong ke nosi le monna o kwa kgolegelong."

Ditshupetso Kgatlhanong le Melao ya Tlhoka Bosiamisi

Le fa e le gore Albertina o nnile fela le seabe mo go tsa sepolotiki ka ntlha ya monna wa gagwe, o ne a tsweletsa tiro ya gagwe ya Aforika Borwa e e gololosegileng fa a le kwa kgolegelong.
Ka 1953 puso e ne ya diragatsa Molao wa Thuto ya Bantsho. Se se ne se raya gore thuto e e kwa tlase thata ya bana ba Bantsho ba Maaforika Borwa. Albertina Sisulu le ditokololo tse dingwe tsa Lekgotla la Basadi la ANC le FEDSAW ba ne ba sa itumediswa ke tsotlhe tse. Ba ne ba rulaganya ditshupetso go ya kwa Union Buildings kgatlhanong le molao. Mo go ngaleng Thuto ya Bantsho, gape ba gogetse bana ba bona morago kwa dikolong tsa selegae tse di tsamaisiwang ke puso mme ba bula magae a bona jaaka tsela ya go bula mefuta e mengwe ya sekolo mo ba neng ba solofela go neela bana thuto e e siameng. Maiteko ka bontsi ga a atlega. Ka 1976 baithuti ba ba neng ba pateletswa Thuto ya Bantsho ba ne ba dira dikhuduego tse di feletseng ka tirisodikgoka. Tiragalo eno e ile ya ngoka diketekete tsa batho ba bašwa mo Umkhonto we Sizwe (kgaolo ya sesole ya ANC) mme Albertina o ne a rulaganya gore ba tsenele katiso kwa dikampeng tsa dinaga tsa boagisani.
Ka 9 Phatwe 1956 Albertina Sisulu o ne a golagana le 20 000 ya balwela-kgololesego ba bangwe ba basadi jaaka Helen Joseph le Sophia Williams-De Bruyn mo mogwantong go ya kwa Union Buildings kwa Pretoria ka ditshupetso tsa melao ya dibukana tsa boiketsesi. E ne e le mooki ka nako e mme molao o ne o tlhalosa gore fa a ne a kileng a atlholwa ke kgotlatshekelo o tla phyimolwa mo lenaaneng la baoki. Se ga se a mo thibela mo go tseleng ya gagwe, le fa e le gore o ne a le motlamedi mme go latlhegelwa ke tiro ya gagwe go tla kaya gore ga a ka ke a kgona go tlamela ba lelapa la gagwe. Ena le badira-ditshupetso ba 2 000 ba bangwe ba ne ba tshwarwa letsatsi leo go mme ba nna dibeke tse tharo ba tlhatlhetswe pele ga go se bonwe molato mme ba gololwa. Nelson Mandela e ne e le mmueledi wa bona. Albertina o ne a sa phyimolwa mo lenaaneng mme o ne a tswelela go tlhokomela ba lelapa la gagwe. Gompieno, 9 Phatwe e itumelelwa jaaka Letsatsi la Basadi mo Aforika Borwa.

Go Tlhorontshwa ke Sepodisi

Albertina e ne a tshwarwa gape ka 1963 fa balaodi ba Aforika Borwa ba ne ba sa kgone go bona monna wa gagwe Walter morago ga fa a ile boiphitlhong fa a sena go gololwa ka beili fa go santse go letilwe katlholo ya dingwaga di le thataro kwa kgolegelong. Se se mo dirile mosadi wa ntlha go tlhatlhelwa ka fa tlase ga Molao o o Fetotsweng wa Kakaretso. Sa ntlha o ne a nna a a tlhaoletswe go bewa a le nosi mo dikgweding di le pedi, mme o ne a tshwarwa ka fa tlase ga ka letlatlana go fitlha ka meso go tlhatlhelwa mo ntlong le go iletswa. Walter o ne a tshwarwa fa a ne a mo tlhatlhelong a le nosi mme a atlholelwa botshelo jotlhe kwa kgolegelong ka togamaano ya melao ya bosinye mme a romelwa kwa Setlhakatlhakeng sa Robben Island.
Morago ga se puso e bogisitse Albertina e sa kgaotse le ditiro tsa gagwe tsa sepolotiki di feleditse ka gore a nne kwa gare le kwa ntle ga kgolegelo le ditaelo tse dintsi tsa go kganelwa. Taelo ya go kganelwa e ne e kaya gore o ne a sa kgone go ya dikopanong kgotsa go tlogela kgaolo. Albertina o ne a fetisa gore go ne go le jang go nna o tlhorontshwa ke sepodisi:
"Sepodisi se ne se tla kokota ka diura tsa botlhoka-modimo, ka ura ya bongwe. Ka dinako tse dingwe re ne re sa itse gore goreng ba ne ba le teng. Ba ne ba tla go bolelela gore e ne e le tlhatlhoba ya kakaretso, fela go go tlhorontsha. O itse, fa ba kokota, ba kokota go tsa kwa lebating le difensetere tsotlhe. Fa o bula lebati, ntlo e dikaganyeditswe ke sepodisi, ba batla gore o bule. Seo ke tlhorontsho."
Bana ba Sisulu ba ne ba sa kgaoganywa mo ditirong tsa sepolotiki. Nkuli, wa gofejane, o ne a iphitlhela mo gora ga dikhuduego tsa kwa Soweto tsa baithuti mme o ne a tlhatlelwa mme a betswa ke sepodisi. Lindiwe, mosetsana o mogolwane, o ne a tsewa go iswa kgolegelong mme a tshwarwa ka mo senthareng ya go tlhatlhelwa kwa sekwereng sa John Vorster go nna le seabe mo Black Consciousness Movement (BCM). Morwa wa bona, Zwelakhe, o ne a bewa ka fa tlase ga taolo ya kiletso e e amileng tiro ya gagwe ka go sa siame e le mmegadikgang. Se se beile kgatelelo e kgolo mo go Albertina yo o bogile tota ka tlhobaelo fa a ne a gapeletsega go lebelela mathata a bana ba gagwe.

Go Iketsesise gape mo Lenageng la Sepolotiki

Ka 1981 taelo ya kiletso ya Albertina e ne ya tloswa mme e ne e sa pegwa gape. O ne a ileditswe palogotlhe ya dingwaga di le 18, botelele go feta mongwe le mongwe a ne a ileditswe mo Aforika Borwa go fitlha ka nako eo. Ka fa kiletso e tlositswe, o ne a tswelela ka tiro ya gagwe kwa FEDSAW mme jaaka moporesidente-mmogo wa United Democratic Front (UDF). Fela, ka 1983 o ne a tshwarwa gape go rotloetsa ANC kwa losong la tsala, a fetsa dikgwedi di le supa kwa tlhatlhelong o le nosi pele a sekisiwa. O ne a newa katlholo ya dingwaga di le nne, mme o ne a gololwa fa go santse go letilwe boikuelo. Morago ga dingwaga tse pedi o ne a tshwarwa gape mme a latofadiwa ka go senyetsa pusong. Nako e o ne a gololwa go latela ditshupetso tse dokgolo thata le go fetoga ga maikutlo a boditšhabatšhaba kgatlhanong le tlhaolele.
Ka 1989 monna wa gagwe, Walter o ne a gololwa kwa kgolegelong. Ngwaga ona o dikiletso kgatlhanong le ANC di neng tsa tloswa Albertina le Walter ba iketsise gape mo lenageng la sepolotiki. Walter o ne a tlhophiwa go nna motlatsa moporesidente wa ANC mme Albertina o ne a tlhophiwa go nna motlatsa moporesidente wa lekgotla la basadi la ANC. O ne a etela go kopana le baporesidente ba maloba George W Bush le Jimmy Carter le Tonakgolo ya kwa UK Margaret Thatcher, a ntsha dintlha tsotlhe tsa bantsho ba Aforika Borwa le go ba tlhotlheletsa go tshegetsa dikiletso kgatlhanong le Puso ya Tlhaolele.

Translated by Lawrence Ndou