Water Mongoose

Leina

Water Mongoose (Atilax paludinosus)

Ponalo

Ka boleele jwa 800-1000mm, e ke Mongoose e e kgolo. E na le bokete jwa 2.5-4.2kg. Megatla ya yone e ka nna 300-410mm ka boleele. Di na le mmala o ntlhwa jo bo boteng ga mmala wa nko one o sa tsenela thata. Mebele ya tsone e mekhutswanyane fa mogatla o aparetswe ke bobowa jo bontsi. Ditsebe tsa yone dimpagane le tlhogo. Tlhogo yone e tona ka nko e nnye. Boboko ba yone bo botona mme seo se tsamaisana le botlhale le bokgoni ba matshoo a yone.
Se se e fa bokgoni ba go bona le go ka ja di-crabs le ditlabelo tse dingwe tsa mebele e e thata. Meno a yone a kgona go phuletsa di-shell tse dithata tsa di-shell fish kwa ntle ga gore di disegelle Ke yone fela herpestid e e senang maoto a di-webbed feet tse di kgonang go phutuloga. Se se bonagatsa motlhala o o farologaneng.

Dijo

Tsalo

E namagadi e tsala bana ba babedi, mme e ka tsala gabedi selemo se le sengwe. Bana ba yone ba simolola go ja dijo morago ga kgwedi ele esi, matlho le ditsebe tsa yone di bulega morago ga malatsi ale 10. Ga go itsewe sentle gore thobalano ya tsone e direga jaang mme go itsewe go di ka tsala gabedi ka ngwaga. Gangwe ka nako ya komelelo le gangwe ka nako ya dipula. E namagadi e aga sentlhaga sa ditlhaga tse di omeletseng mo mosimeng.
Ga go sena mosima gaufi, bana ba ka godisetsiwa mo sentlhageng se se dirilweng ka matlhaka, ditlhaga le dikgong. Go bolelwa fa ekile ya bonwa e tsetse bana ba le bararo. Makgetlho mangwe go ka nna le bagolo ba le babedi mo lelapeng. Bana ba yone ba kgwisiwa e be ba tswa kwa lefelong le ba tsaletsweng ko lone morago ga dikgwedi dile mmalwa.

Mekgwa

Ke phologolo e e iphelelang e le esi mo mafelong a metsi mme e nna matlhagatlhaga bosigo. Gantsi di nna mo mafelonga tsone mme dirata mafelo a a boleta a a bonalang. Mafelo ao gantsi a fa thoko ga dinoka le mabopo mme di iphitlha mo metlhajeng e le leng fao. Go thaisa nonyane e tla kanama ka mokwatla fa fatshe mme e lebego o kare e arametse letsatsi. Ga e ntse ka mofuta o, boshibidu ba phinya ya yone bo bonwa ke dinonyane tse difofang kwa godimo. Se se diraela go ka leka go atumela ke fa Mongoose e tla kgonang go ditshwara.
Fa e ka atumelwa ke lenaba phologolo e e dumela kwa tlase mme fa e fetsa e ka bogola ka matla a modumo o o boteng. Ga e ka bona gore e mo thateng e ka phinya metsi a a maswe ka mmala wa ntlhwa mo sebonong sa yone. Di ka kua modumo oo kwa godimo do atlhame fa di ka tshoga. Dibonwa gantsi ka bogwe. Di sireletsa mafelo a tsone a a leng gaufi le bonno ba tsone.

Bonno

Water Mongoose e ka bonwa kwa dinokeng dile dintsi le mafelong a a leng gaufi le lebopo, di-vleis, metlhaka e mintsi ee aparetsweng. Di ka tsenelela bogare ba lefatshe kgakala le metsi. Di ka phela mo matlapeng a dinoka le kwa matamong.

Di bonwa kwa Kae

Di bonwa ka bontsi kwa botlhaba le borwa ba Afrika Borwa kwa mafelong a dipula le kwa mothaleng wa Orange River.